Breaking News

Ba tlhagisitswe ka tiriso ya facebook

11 Aug 2014

Banni bangwe ba Tonota ba lebogetse kgakololo e e sa tswang go ntshiwa bosheng ya gore fa motho a go tlhapatsa le fa a ka tswa a dirisa maranyane a tshwana le a Facebook ke molato.

E rile a fa a tlhalosa ka molao o, mookamela lekalana la kanamiso mafoko la sepodise, Rre Christopher Mbulawa, a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go gakolola setshaba ka molato wa go nna jalo a bua a itebagantse thata le batho ba ba dirisang maranyane a Facebook go dira molato o.

Rre Mbulawa o buile se mo thulaganyong ya Masaasele mo seromamoweng sa Botswana bosheng.

E rile a tswelela, o ne a tlhalosa fa bone e le ba sepodisi ba itemogetse ditiragalo dingwe tse di fatlhang mo tsebeng nngwe ya inthanete ya Facebook.

O ne a tlhalosa gore go latola motho a tshela mo Facebook ke molato o e leng gore motho o ka o ela kgolegelong bogolo jang fa yo o latotsweng a ka tsaya kgato ya go mo sekisa.

Go sale foo, Rre Mbulawa o ne a kaya gape gore go latola motho e le gone a tlhokafalang ba lesika ba ise ba itsisiwe le gone ga se selo se se siameng, e bile e se setho.

A re le ntswa go ise go nne le molao oo tlhamaletseng mabapi le seo, Batswana ba tshwanetse go nna le mowa wa setho, ba ipeye mo seemong sa ba ba tlhokafaletsweng.

E rile a tlatsa mafoko a ga Rre Mbulawa, mothusa moanamisa mafoko, Rre David Mosetse a tlhalosa fa molato wa go tlhapatsa motho e le molao o o ntseng o le teng ka jalo batho ba seka ba tsaya gore fa ba dirisa maranyane a Facebook le Twitter go tlhapatsa batho ba ka se tseelwe dikgato.

A re ba ba tlhapaditsweng ba tshwanetse go itse gore ba nale tshwanelo ya go sekisa batho bao, a tltsa ka gore bone e le ba sepodise ba tlaabo ba dira ditlhotlhomiso go tshwara batho ba go nna jalo. Rre Mosetse a re go le gantsi batho bao ba dira jalo ba ithaya bare ba iphitlhile.

O ne a tlhalosa fa bone e le ba sepodise ba na le ka fa ba dirang ka teng go lemoga gore motho o romela melaetsa eo a le kae.

O buile jalo a tlhatswa kgang ya gore batho bangwe ba kgona go dira ditiro tse ba dirisa maina a e seng a bone.

A re bone e le ba sepodise ba kgona go fiwa tetla ya go bereka le ba ditlhaeletsanyo go batlisisa gore motho ke mang le gore o romela molaetsa a le kwa kae.

Rre Mbulawa o ne a tlhalosa fa go supa ditshwantsho tsa batho ba sa ikatega mo Facebook le gone e le molato.

A re go nale bangwe ba ba kgonang go supa ditshwantsho tsa motshikinyego tsa nako e khutshwane tsa batho ba tlhakanela dikobo mme a re batho ba go nna jalo ba tlaa tseelwa dikgato.

Rre Mbulawa o ne a gakolola setshaba fa motho a na le thata ya go sekisa motho fa a mo sentse leina a dirisitse maranyane a Facebook.

E rile a tswa la gagwe mo potsolotsong, Mme Kebonye Rasegojwa wa dingwaga tse di masome a matlhano le boraro, wa motse wa Tonota, o ne a tlhalosa fa a lebogetse kgakololo eo ya ba sepodise ka a re o itemogetse dilo tse di fatlhang mo Facebook.

A re bana ba dirisa maranyane a botlhaswa, a tlatsa ka gore o ngomolwa pelo segolo bogolo ke ba ba latolang batho pele ga ba lesika ba ka itsisewe.

Rre Kabo Oaitse wa dingwaga di le masome a mabedi le bongwe le ene o ne a supa tebogo ka a re ene e le monana, o kopana thata le batho ba ba dirisang maranyane a botlhaswa, bogolo jang ba ba supang ditshwantsho tsa batho ba sa ikatega. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Terry Makgoeng

Location : TONOTA

Event : Phuthego

Date : 11 Aug 2014