Breaking News

Nyeletso lehuma e tswa maduo kwa Serinane

11 Aug 2014

Go bolelwa fa maiteko a puso a go nyeletsa lehuma mo lefatsheng leno a ntsha maduo a a nametsang kwa Serinane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ka bontsi jwa banni ba motse oo ba abetswe mananeo a puso a a farologanyeng e bile ba gatetse pele.

Se, se boletswe ke Kgosi Malang Galeatle wa motse wa Serinane mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA, a supa fa a itumedisiwa ke gore bontsi jwa banni ba motse wa gagwe ba abetswe mananeo a puso e bile ba tsweletse sentle fela thata.

O supile fa bontsi bo akotse mananeo a nyeletso lehuma a tshwana le a ditshingwana tsa merogo, go apaya borotho le go loga moriri mme e bile mananeo ao a dira sentle fela thata.

A re ba ba apayang borotho ba rekisetsa sekolo se sebotlana sa motse oo. A re ntswa gone go na le dikgwetlho dingwe tse di paledisang mananeo mangwe a tshwana le la temo go tsamaya ka thelelo di akaretsa tlhaelo ya metsi mme gone tema e bulegile ka jaana pharologano e bonala mo matshelong a ba ba abetsweng mananeo a.

Kgosi Galeatle o lebogetse puso go bo e tshwerwe ka natla go apola Batswana kobo ya lehuma, a supa fa mananeo a mangwe a tshwana le LIMID le ISPAAD a tokafaditse le go tlhabolola matshelo a Batswana.

O supile fa go le botlhokwa thata gore morafe le one o tshwaragane le puso ka go tlhagafalela mananeo gore tema e bonale, a supa fa banni ba motse ba amogetse mananeo a puso ka diatla tsoo pedi e bile ba ikemiseditse go tokafatsa matshelo a bone.

Kgosi Galeatle o akgotse morafe wa gagwe segolo bogolo banana ka ba tsweletse ka go supa maikarabelo le go tsaya tsia mananeo a a itebagantseng le go tsisa pharologanyo mo matshelong a bone.

A re banana ba motse wa gagwe ba setse ba na le setsha sa kgwebo mme ba tla simolodisa dikgwebo tse di farologanyeng di akaretsa go loga moriri le temo ya merogo.

A re ntswa  puso e amilwe ke kwelotlase ya itsholelo mme gone ga e ipone tsapa go thusa Batswana, ka jalo, go a itumedisa go bona Batswana le bone ba tshwere ka natla gore maiteko a go nyeletsa lehuma a atlege.

Le fa go ntse jalo, Kgosi o tsweletse ka go supa fa lenaneo le tshwana le la Ipelegeng, le le molemo fela thata ka le thusitse mo go tsiseng ditlhabololo di le mmalwa mo motseng wa gagwe.

A re ba kgonne go aga matlwana a boitiketso a le mabedi mo kgotleng ya motse ka Ipelegeng, a tlatsa ka gore lenaneo le gape le ogotse bontsi jwa banni mo isong ka jaana ba dirisa madi kana dikatso tse ba di bonang go tswa mo go lone go ithekela dijo le tse dingwe tse ba di tlhokang; mme a kopa puso go tswelela ka go thusa Batswana ka mananeo a tshwana le la Ipelegeng.

Kgosi Galeatle o ne a tswelela ka go tlhalosa ka bomosola jwa lenaneo la temo thuo la ISPAAD, a supa fa le rotloeditse balemi ba babotlana go inaakanya le temo-thuo e bile le tshedisa Batswana.

A re bontsi jwa banni ba motse wa gagwe ba bone thobo e e nametsang fela thata ka jaana dipula e ne e le tse dinamagadi.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Kgosi o ne a lela ka diofisi tsa kgotla tse a reng di dinnye mme e bile a patelesega go kopanela ofisi le mokwaledi wa gagwe, selo se a reng se ba berekisa bokete. Ends

Source : BOPA

Author : Shelley Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 11 Aug 2014