Annetswe o ikemetse ka nao
11 Aug 2014
E rile go utlwa ka mananeo a farologaneng a nyeletso lehuma, a maikaelelo a one e leng go inola Batswana mo lehumeng la nta ya tlhogo le gone go ba rotloetsa go itirela ka diatla, bangwe ba ne ba seka ba ikgogela morago go ikopela dithuso ka mangwe a mananeo a.
Mme Gaitewe Annetswe, yo o dingwaga tse di masome a matlhano le boraro, wa kgotla ya Malakanagore kwa motseng wa Nata, ke mongwe wa ba ba ikopetseng lenaneo la go apaya borotho.
A re o apaya borotho go rekisetsa banni ba motse wa Nata. Mo puisanong bosheng, Mme Annetswe o boletse fa a tsene mo lenaneong le ngwaga o o fetileng o fela, a tlatsa ka gore o ne a simoloa kapei ngwaga o o simologa, a apaya manyonyomane le diphaphatha.
Mme Annetswe o iteetse lenaneo le legofi a re fa e sale a simolola kapei le ene o kgona go oba letsogo le botshelo mo lapeng bo fetogile, ga go tshwane le maloba a tshela ka go kopa.
A re pele a simolola kapei o ne a tsenelela ithutuntso e e neng e rulagantswe ke bo mmaboipelego ba kgaolo.
A re ka ithutuntso eo, o amule go le gontsi ka jaana ba rutilwe go apaya borotho ka go farologana, metlhale ya go tsamaisa kgwebo le gone go tshwara bareki ka tsela e e amogelesegang, a tlatsa ka gore ba ne gape ba rutwa ka botlhokwa jwa go apeela mo tikologong e e phepa.
O bile a bolela fa tirisano mmogo le bommaboipelego ba kgaolo e le kwa godimo ka jaana gangwe le gape ba tla go lekola kgwebo le gone go mo thusa go rarabolola dikgwetlho tse di tlhagogang le gone go nna ba mo tiisa moko.
A re kgwebo e tsamaya sentle, a tlatsa ka gore keletso ya gagwe ke go dira ka natla go e atolosa le gone go apaya marotho a mangwe ka go farologana gore a kgone go kgotsofatsa bareki ka go farologana.
A re se se mo itumedisang ke gore kapei ya borotho ga e dingalo gape ga e tlhoke sepe se sekalo ka jaana o dirisa dikgong.
Mme Annetswe a re le ntswa ka nako tse dingwe theko e tle e wele kwa tlase, se se mo itumedisang ke gore ga a ke a tlhoka lemmenyana le a le bolokang.
A re ka nako tse dingwe o a tle a bone sebaka sa go apeela badiri ba Ipelegeng mme a bone dipoelo tse di botoka. Mme Annetswe o gakolola Batswana ba bangwe go supa kgatlhego tebang le mananeo a nyeletso lehuma, a tlatsa ka gore ba lebelele pharologanyo e mananaeo a e ka a dirang mo matshelong a bone.
A re se se mo kgatlhang ke gore moikopedi o fiwa sebaka sa go itlhophela lenaneo le a ka le tsayang a lebile bokgoni jwa gagwe.
Go sale foo, senatla se ga se a ikaega fela ka kapei ya borotho, a re ke motho wa go nna a tshwaratshwara ka diatla a dira ditiro di tshwana go bapala bojang a bo rekise ka maikaelelo a go oketsa dipoelo tsa borotho. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : NATA
Event : Potsolotso
Date : 11 Aug 2014