BDP ga nke e ipone tsapa - Kgathi
11 Aug 2014
Mopalamente wa Bobirwa, Rre Shaw Kgathi a re Botswana Democratic Party (BDP) e tla a tswelela ka go tokafatsa matshelo a Batswana ka go tsisa mananeo a a ka tlhabololang matshelo a bone.
Rre Kgathi o buile seo mo phuthegong ya phatlalatsa kwa Moletemane mo kgaolong ya Bobonong. A re BDP ke sekao sa phathi e ka kgonang go busa e bile motlhala wa ditiro tsa yone o a bonala.
A re maloko le Batswana ka kakaretso ba tshwanetse go tswelela ba tlhopha Domkrag, ka gore mananeo a tshwana le a temo thuo a LIMID, ISPAAD, la banana la go itshimololela dikgwebo la YDF a kgonne go ntsha banana mo lehumeng mme bontsi bo ile jwa tlhamela ba bangwe ditiro ka one.
Rre Kgathi, yo eleng motshwaralela tona mo ofising ya ga tautona, o supile fa mananeo a Tirelo Setshaba le Ipelegeng ele mangwe a a dirisiwang go fokotsa manokonoko a lehuma.
A re Batswana ba itlhokomele mo diphathing di tshwana le ya Botswana Congress Party, e e supang fa e ya go emisa mananeo otlhe a akolwang ke Batswana, mme e sa supa mananeo ape a yone a botoka go gaisa a Domkrag.
Mopalamente Rre Kgathi a re Batswana ba tshwanetse go kgaogana le phathi ya BCP e bile ba seke ba e tlhopha ka e dirisa mafoko a a botlha mo ipapatsong ya yone.
Godimo ga moo, o ne a kopa maloko a Domkrag go nna bonolo le maitseo fa ba le mo ipapatsong ya bone. A re ope yo eleng leloko la Domkrag ga a tshwanela go gagautlhana le ope wa kganetso mo ipapatsong ka seo se ka tsisa dikgotlhang.
Fa a ama ditlhabololo tsa motse wa Moletemane, yo o tsentsweng mo kgaolong ya Bobonong go tswa mo go ya Tswapong Bokone, a re ene le moemedi wa khansele Rre Elijah Basinyi ba tla tswelela ka go buelela motse o gore o akole ditlamelo le ditlhabololo.
Rre Kgathi a re motse o o tlhoka tsela ya sekonotere, e golaganyang motse o le wa Tsetsebye; go gokela metsi a tswang kwa letamong la Thune gore khampane ya Bokomo Richmark e tswelele ka go dira mme e tlhamele banni diphatlha tsa mebereko.
O ile a supa ntlhopheng wa bokhanselara Rre Basinyi mme a kopa banni ba Moletemane go mo tlhopha, a supa fa BDP e solofetse go tlhophiwa ke batho ba le 1 000 mo kgaolong eo. Kgaolo ya Moletemane ka ditlhopho tse di fetileng e ne ya fenngwa ke phathi ya BCP.
Le fa go ntse jalo, Rre Kgathi o kopile banni ba motse oo go e busetsa mo go ya Domkrag mono ngwaga. Fa tswa la gagwe Rre Basinyi, o kopile banni go mo tlhopha ka a nale bokgoni, a bo a ba tlhagisa gore ba se itlhabe ka thipa mpeng jaaka ba ne ba dirile ka go tlhopha BCP ka ngwaga wa 2009.
Modulasetilo wa kgaolo ya Bobonong Rre Monkemedi Dingalo ene o galaleditse bontlhopheng ba peo letlhokwa ba a reng ba supile mowa wa lerato, ka go ikamanya le yo o fentseng go mo thusa mokgweleo.
O kopile maloko le batlhophi ka kakaretso go tlhopha Rre Kgathi mo bopalamenteng le Rre Basinyi gore BDP e tswelele e busa. A re Rre Kgathi o nonofile e bile ka a itshupile bokgoni ka ditiro tsa gagwe e le tona ya banana metshameko le ngwao, mothusa tona wa temo thuo le mo ofising ya tautona.
Rre Opelo Makhandela, ntlhopheng wa bopalamente kwa kgaolong ya Selibe Phikwe Bophirima o kopile Madomkrag go boelelana gore ba fenye ditlhopho tse di tlang.
A re kagisano e e supiwang ke maloko e supa fa BDP e tsile go gapa kgaolo eo bonolo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : BOBONONG
Event : Phuthego ya phatlhalatsa
Date : 11 Aug 2014