Breaking News

Boitshwaro jo bo ntle bo ntsha maduo

11 Aug 2014

Go bolelwa fa sekole se segolwane sa Gantsi se ntsha maduo a a nametsang ka go bo bana ba ba tsenang teng ba na le boitshwaro jo bo eletsegang  e bile le barutabana  ba bereka ka natla go netefatsa gore bana ba bona thuto e e lolameng.

Mogokgo wa sekole seo, Rre Batshidi Tsae o boletse mo potsolotsong gore tirisano mmogo fa gare ga barutabana ke ya maemo a ntlha e bile bontsi jwa nako ba a bo ba inaakantse le dikgang tsa dithuto ya bana go na le go tsena mo dintweng tse gantsi di nnang teng fa batho ba bereka ba le bantsi golo go le gongwe.

Rre Tsae a re ntlha e nngwe e e botlhokwa e e dirang gore maduo a sekole a tokafale ke gore baithuti  ba na le seabe sa go baya leitlho barutabana ba bone mme morago ba fe pego ka boleng jwa bone le gore ba bereka jang.

A re fa e sale ngwaga o o fetileng, sekole seo se balelwa mo dikoleng tse di ntshang bana ba ba gaisang ba bangwe mo lefatsheng leno, ba ba neelwang dietsele tsa ga tautona le gone go iponela phatlha ya go ya go ithuta kwa ntle ga lefatshe leno.

Rre Tsae a re mono ngwaga le ngwaga o o fetileng ba nnile le ngwana a le mongwe yo o gaisitseng ba bangwe a bo a fiwa seetsele sa ga tautona le gone go iponela phatlha ya go ithuta kwa mafatsheng a sele.

O tsweletse a re ba gaisitse dikole tse dingwe tse di mo kgaolong ya bone mo metshamekong mme e bile gape ba mo maemong a a kwa godimo mo lefatsheng leno mo dikgaisanong tseo.

A re motshameko wa bolotloa ke one fela o o saletseng morago mme o dumela fa mo nakong e khutshwane ba tla a dira sentle. O tlhalositse fa ba simolodisetse komiti e e emelang baithuti ya SRC mme a supa fa e dira ka natla go netefatsa gore dikeletso tsa baithuti botlhe di sekegelwa tsebe.

A re ba simolodisetse komiti eo ka ntlha ya gore ba itlamile go fa baithuti se ba se batlang gore ba kgone go tswelela pele mo dithutong tsa bone ba sena matshwenyego a gore dilo ga di tsamaisiwe jaaka ba batla.

O tsweletse a re komiti eo e tlhophiwa ke baithuti ba sekole, mme baithuti ba ba tlhophiwang go tsena mo komiting eo ba rutiwa go ipapatsa le gone go fiwa sebaka sa go ganetsana pele ba ka tlhophiwa ke ba bangwe.

Rre Tsae o rotloeditse baeteledipele ba dikole tse dingwe go netefatsa gore ba baya pele dikeletso tsa bana e bile ba rotloetsa tirisano mmogo ya barutabana, baithuti le babereki ba sekole ka seo se le botlhokwa mo go ageng ngwana gore a nne le boitshwaro jo bo eletsegang e bile go thusa mo go tokafatseng maduo a sekole. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Dinah Johane

Location : GHANZI

Event : Potsolotso

Date : 11 Aug 2014