Kajaja o gatetse pele ka ditlhabololo
11 Aug 2014
Banni ba Kajaja ba itumeletse ditlhabololo tse motse wa bone o di akotseng di akaretsa kokelwana, sekole le leobo la kgotla.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Kgosi Molathegi Siana a re le fa ntswa motse oo o sa le o tlhomamisiwa ka 2007, go ne go sena sepe sa ditlhabololo mo go one.
A re ditlamelo di tshwana le dikole, tsa botsogo le gone go tlhomamisa meriti ya ditlankana ba ne ba di dira mo metseng e mabapi ya Etsha le Shakawe. Kgosi a re motse o, o na le banni ba feta makgolo a supa ba ba ikaegileng thata ka temo thuo.
O tsweletse a supa fa merafe e e fitlhelwang mo motseng o ele ya Bambukushu le Bayei.
A re banni ba ile ba bona sebaka sa go itela mo go tautona fa a ntse a le mo letsholong la go etela Batswana mo metseng ya bone ka letlhoko la sekole, kokelo, leobo la kgotla, motlakase le sekonotere se se tsenang mo motseng wa bone.
Kgosi a re tautona o ile a ba solofetsa sekole, kokelwana le kgotla mme e bile sekole se setse se le mo tirisong.
A re kokelwana ga e ise e fele mme e teng le kgotla e re ntswa e ise e bulwe semmuso, ba setse ba na le setempe se se ka ba thusang fa ba batla go tlhomamisa meriti ya ditlankana tsa bone.
O tlhalositse gore le fa ntswa ba ne ba kopile motlakase le sekonotere, ba tlhaloganya letlhoko la puso la madi ka jalo ba tla di emela ka pelo e telele.
Bogogi jwa sekole bo supile fa sekole se butswe e bile ba amogetse baithuti ba le masome a mane le boferabongwe go simolola ka lekwalo la ntlha go fitlha kwa go la boraro.
Mothusa mogokgo wa sekole seo, Mme Ntshang Gabonnwe a re baithuti ba dira sentle fela thata e bile batsadi ba itumeletse gore bana ba bone ga ba sa tlhole ba latela dikole kwa metseng e sele ba nna le masika, a tlhalosa fa mo nakong eno batsadi ba kgona go itlhokomelela bana ba bone.
Mme Gabonnwe a re ba setse ba na le matlwana a borutelo a le mararo, mme mo go one e le nngwe e agilwe ke botsadi jwa motse ka letlhaka. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mercy Sauzoo
Location : KAJAJA
Event : Potsolotso
Date : 11 Aug 2014