Breaking News

Bophepa le bomodimo di ya thoteng

11 Aug 2014

Tikologo e e leswe e ka bakela batho malwetse a a farologaneng a akaretsa letshoroma le letshololo ka jalo go tshwanetse ga engwa ka dinao go tlhomamisa gore tikologo e nna e le phepa ka dinako tsotlhe.

Mo puong ya gagwe kwa bokhutlong jwa letsholo la go sela matlakala le le neng le boloditswe ke bomme ba kereke ya Lontone kwa Mapoka ka Matlhatso, modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, yo gape e leng mokhanselara wa kgaolwana eo, Rre City Kealotswe o akgoletse bomme ba kereke tiro e ntle eo,  mme a ba gakolola gore  bophepa le bomodimo ke di-a-thoteng-di-bapile, ka jalo go maleba go bo e le bomme ba thapelo ba ikiteye ka thupana go tsenya letsogo mo maitekong a go phepafatsa tikologo.

Le fa go ntse jalo, o ba gwetlhile go lemoga fa bophepa bo simolola kwa malwapeng, jalo go le botlhokwa gore ba tlhomamise gore ba godisetsa bana ba bone mo malwapeng a a phepa gore mo isagong le bone ba tlhomamise fa tikologo ya bone e nna e le phepa ka dinako tsotlhe.

Go sale foo, o supile gore e re le ntswa bomme ka tlholego ba itsewe e le batho ba ba ratang bophepa, go botlhokwa gore setshaba ka kakaretso le sone se emele kgang e ka dinao.

Moeteledipele wa bomme ba kereke ya Lontone kwa motseng wa Mapoka, Mme Ndoga Mokokomane le ene o gateletse botlhokwa jwa go phepafatsa tikologo, a tlhalosa gore fa bophepa bo seyo botsogo le jone e nna jo bo sa nametseng.

Mme Mokokomane o tsweletse a supa fa tiro e ba e dirileng e le maiteko a go rurifatsa gore ka 2016 tshaba ya lefatshe leno e tla a bo e sireletsegile kgatlhanong le malwetse a a ka bakwang ke leswe.

Mme Chawada Ncube ene o tlhalositse fa ba kgethile go dira tiro eo e le tsela ya go tlotlomatsa mantswe a baebele a a bolelang fa badumedi e le bone lesedi la lefatshe.

O kaile fa letsholo la bone la phepafatso le phatsimiseditse motse wa bone lesedi le le bonwang ke mongwe le mongwe e bile le supa fa tota badumedi ba nale seabe se segolo mo setshabeng se ba tshelelang mo go sone.

Mme Ncube le ene o akgotse bakaulengwe ba gagwe, a bolela fa se ba se dirileng se supa boammaaruri jwa gore mme ke thari ya setshaba.

Mongwe wa batiakone ba kereke eo, Rre Jokoniah Mokokomane o ikuetse mo baithuting ba sekole se segolwane sa Batanani go tseela kwa godimo dikgang tse di amanang le botlhokwa jwa go dibela tikologo.

O tsweletse a re o eletsa gore ba gole ba tlhaloganya fa tikologo e tshwanetse ya tlotlwa ya ba ya tlhokomelwa ka tlhoafalo ke badirisi ba yone.

E ne e rile go le pele a amogela baeng, kgosana Rre Sapren Tagwa a kopa banni ba motse oo go tshwaraganela dikgang tse di amang motse wa bone gonne ntle le jalo ga go sepe se ba ka se kgonang.

O tsweletse a tlhalosa fa go aga motse e le kgang e e bokete e bile e le masisi mo e ka sekeng e kgonwe ke batho ba sa goge mmogo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MASUNGA

Event : Letsholo la go sela matlakala

Date : 11 Aug 2014