Breaking News

Twantsho tshenyetso setshaba ke ya botlhe

11 Aug 2014

Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse a tshwenyega fa a bona tiragalo nngwe ya tshenyetso setshaba e diragala mo tikologong ya gagwe go sa nneng jalo itsholelo ya lefatshe e ka koafala.

Fa a bula thuto puisano e e itebagantseng le go rutuntsha badiredi ba ofisi ya ga molaodi kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ka dikgang tsa tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo, modiri mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae go tswa mo lekalaneng la lephata leo la twantsho tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo, Rre Trickey Mosedame o tlhalositse fa e rile ka 2010 ga ntshiwa taolo ya gore maphata a tlhame dikomiti tse di itebagantseng le tshenyetso setshaba morago ga go lemoga fa e ne e tsaya phekelo e sele mo lefatsheng leno.

Rre Mosedame a re go a itumedisa go bona komiti ya tshenyetso setshaba ya ofisi ya ga molaodi e tshela e bile e bereka ka botswapelo, a re mme fela go a tshwenya ka jaana go na le bangwe ba ba nang le mokgwa wa go leba maloko a komiti eo ka leitlho la kilo.

Modiri go tswa mo lephateng la ga molaodi, Mme Senzeni Mmokwa, yo gape eleng leloko la komiti ya twantsho tshenyetso setshaba, o tlhalositse fa maikaelelo a thuto puisano eo,  e le go tlhatlhelela bodiredi jwa bone ka dikgang tsa tshenyetso setshaba le gore ba itse ditlamorago tsa yone mmogo le go ba tlhagisa kgatlhanong le go amega mo go yone.

E ne e rile go le pele, Mme Mmokwa a tlhalosa fa maikaelelo a komiti ya bone e le go itebaganya le dikgang tsa tshenyetso setshaba mo lephateng la bone, ka maikaelelo a go thusa go leka go e fokotsa. A re komiti e itebaganya le dikgang tseo ka go gasa melaetsa mo bodireding jwa lephata.

Molaodi wa kgaolo, yo gape eleng modulasetilo wa komiti ya tshenyetso setshaba, Rre Rapetse Mathumo o boletse fa go le gantsi batho ba akanya ka tshenyetso setshaba fa go umakiwa madi, mme a re le ntswa madi a ka tswa a di goga kwa pele, fela go na le ditiragalo dingwe tse le tsone eleng dikarolo tsa tshenyetso setshaba.

Rre Mathumo a re nngwe ya dikarolo tsa tshenyetso setshaba e bile e le borai mo matshelong a batho ke go sa direleng dilo mo pontsheng, jalo a kopa bodiredi jwa lephata la gagwe go dirisa dithuto tse ba di amuleng mo thuto puisanong eo go nyeletsa tshenyetso setshaba ka ponyo ya leitlho.

Modiri wa lekalana la tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo, Mme Pauline Kobuane o tlhalositse gore ope yo o ka bonwang molato wa tshenyetso setshaba a ka atlholwa dingwaga tse di sa feteng lesome mo kgolegelong kgotsa madi a a sa feteng P500 000 kgotsa dikatlholo tseo ka bobedI. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Thuto puisanyo

Date : 11 Aug 2014