Breaking News

Monana o inosa metsi ka tshilo

11 Aug 2014

Le fa ntswa puso e leka go inola banana ba lefatshe leno mo manokonokong a letlhoko la ditiro, bangwe ba itshetse moriti o tsididi fela mme bangwe jaaka Rre Keene Puku wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhanoba inaakantse le mananeo ao.

Mo potsolotsong bosheng, Rre Puku o tlhalositse fa lenaneo la banana le mo tsile matshidiso ka P98 806.00 go bula kgwebo ya tshilo kwa kwa Zwenshambe.

A re o tsene mo kgwebong e ka maikaelelo a go thusa ba gaabo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ka ba supile fa ba na le lerato le legolo mo temong.

Rre Puku a re o butse madirelo a Chedza Milling Enterprises monongwaga ka Motsheganong a sila thobo ka go farologana e akaretsa mabele, mmidi le lebelebele mme  o thusa balemi ba metse ya Zwenshambe, Moroka, Mapoka, Nlapkhwane, Gungwe, Mbalambi le Masunga.

Go ya ka Rre Puku, se se pharologano ka kgwebo ya gagwe ke gore o phuthela dijo tse a di silang mo madirelong a gagwe a bo a di rekisa. Mo nakong eno, o tlhalositse fa a santse a kgaratlha ka go rekisa mo mebileng mme o bolela fa a le mo dipuisanong le mabenkele a magolo go ka isa dithoto tsa gagwe teng.

A re ka madi a a filweng ke ba ofisi ya banana, o kgonne go reka didirisiwa tsotlhe tse a di tlhokang mme tse dingwe di tshwana le go gokela motlakase mo madirelong o di dirile ka lemme le le tswang mo pateng ya gagwe.

O boletse fa kgwebo e se maswe mo go kalo ka a kgona go dira P500 letsatsi ka go sila, P300  ka go rekisa dijo tse a di phuthetseng mme ka kgwedi a kgona go dira P12 000.

E rile a latedisa ka loeto la botshelo jwa gagwe, Rre Puku a tlhalosa fa morago ga go direla kompone ya Curry Pot kwa Gaborone ka lobaka  a bona go tshwanela go tla go thusa ba gaabo.

O supile fa a ikaeletse go tshegetsa kgwebo ya gagwe le fa a ka ralala diemo tse di thata ka a itse fa mo kgwebong go se kitla go tlhokega makgwere ape.

Ntle le dikgoreletsi, Rre Puku o tlhalositse fa monongwaga a tla dika a jele mogopo o tletse ka balemi ba bone thobo e namagadi.

O kgothaditse banana botlhe ba ba sa berekeng go emela matshelo a bone ka dinao go nale go emela puso go ba akanyetsa.

O ba rotloeditse go tsenelela dikgwebo tse di farologaneng go nale go inaakanya fela le ya thuo ya dihutshane.

O tlhalositse fa banana e le batho ba ba sa rateng go ithuta mo go ba bangwe ka ba le ditlhong e bile ba sena kgatlhego ya go itirela bontle mo botshelong.

O kopile madirelo ka go farologana go rotloetsa dikgwebo tsa bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : ZWENSHAMBE

Event : Potsolotso

Date : 11 Aug 2014