Moithuti o diragatsa letshego la tebelopele
10 Aug 2014
Moithuti mongwe wa kwa Mmadikolo, yo a neng a ile ithutuntshong kwa Tsamaya kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba o sa tswa go diragatsa letshego la tebelopele ya lefatshe leno ya 2016, la go nna setshaba se se lerato e le kutlwelo botlhoko.
Moithuti yoo, ebong Segolame Maleho yo o yang go dira ngwaga wa gagwe wa bobedi kwa Mmadikolo mo dithutong tsa boipelego le tlhabololo matshelo a batho, o ne a supa letshego leo ka go agela motlhoki mongwe, Mme Lilly Kgantshang ntlwana ya boiteketso.
Fa a bua kwa tholong ya ntlwana eo, Mme Maleho yo o dingwaga di masome a mabedi le bobedi a re e ne yare a le mo ithutuntshong ya gagwe ya dikgwedi tse tharo a bona go tshwanela gore a thuse Mme Kgantshang morago ga go lemoga botlhoki jo a neng a na le jone.
A re go tsamaya a lekola batho mo malwapeng, a lemoga matlhoki a a ka tswang a le teng mo bathong, e ne e le bontlha bongwe jwa dithuto tsa gagwe, a re morago ga go dira ditshekatsheko tsa gagwe o ne a lemoga fa go tlhoka ntwana ya boiteketso mo lwapeng la ga Mme Kgantshang e le kgwetlho mo go ene gore a dire sengwe.
Mme Maleho a re o ne ikopanya le ba-na le seabe botlhe mo motseng wa Tsamaya, a tlhalosa fa tiro eo e ne ya seka ya nna thata go diragala ka jaana banni ba Tsamaya ba ne ba itlama mme ba thusa ka sepe fela se ba neng ba se kgona.
Ka jalo o ne a leboga botlhe ba ba mo emeng nokeng gore a fitlhelele kwa maikemisetsong a gagwe.
Kgosi ya Tsamaya, Kgosi Zenzo Letsholathebe o ne a galaletsa tiro e e dirilweng ke moithuti yoo, a re seo se supa fa Mme Maleho a tshela tebelopele ya lefatshe leno ya 2016.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Tsamaya, Rre Reginald Mudongo o ne a tlhalosa fa batho ba mowa wa go tshwana le wa ga Mme Maleho ba le botlhokwa e bile ba tlhokwa thata mo lefatshe leno.
Mokhanselara Mudongo a re moithuti yoo, o dirile tiro e tona thata ebile e tsamaelana le dithuto tsa gagwe, a tlatsa ka gore seo e tshwanetse ya nna kgwetlho mo bananeng ba bangwe ba motse wa Tsamaya le lefatshe leno ka bophara.
Fa a tswa la gagwe, Mme kgantshang o ne lebogela mpho eo go menagane, a supa fa a thusegile thata ka jaana a ne a ntse a sokola. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Go rolwa ga ntlwana ya motlhoki
Date : 10 Aug 2014