Breaking News

Monana wa Paje o ipelafatsa ka temo thuo

10 Aug 2014

Mme Barulaganye Tsalayabotshelo wa dingwaga tse di masome a mararo ke monana wa motse wa Paje,  yo o bolelang fa a le motlotlo ka temo thuo ka  go bo e tsweletse ka go tokafatsa botshelo jwa gagwe le ba ga gabo.

O boleletse mo potsolotsong fa e le mongwe wa Batswana ba e rileng puso ya lefatshe leno e ntsha mananeo a nyeletso lehuma, a seka a ipona tsapa go a tsenelela go tokafatsa botshelo jwa gagwe ka go lema merogo le ditamati.

A re e rile a lemoga fa lefatshe leno le farafarilwe ke letlhoko la ditiro, segolo bogolo mo bananeng, a bona go le maleba go itepatepanya le temo ya merogo ka go farologana go e rekisetsa banni ba Paje le metse e e mabapi. 

Fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe e se ke e tlhoka mathata, Mme Tsalayabotshelo o tlhalosa fa a lebanwe ke kgwetlho ya dituelo tse di kwa godimo tsa metsi le go thubega ga diphaephe. 

O boletse fa gape ba na le go tlhaselwa ke nngadule mme a re o leka go o lwantsha ka go lema merogo a e tswakanya le anyanse ka gore e na le monko o o ka e sireletsang.

Mme le fa go ntse jalo, o kopile gore lenaneo le la tshingwana ya merogo le ka tokafadiwa ka gore e re fa le abelwa moikopedi, go lebelelwe phatlha e a nang le yone ka a re selekanyo se ba se fiwang se sennye fela thata mme fa se ka atolosiwa se ka tsisa maduo a a nametsang.

E ne ya re fa a itebaganya le banana ka ene, Mme Tsalayabotshelo a ba kgothatsa go nna pelotelele fa ba tsena mo kgwebong. O boletse fa a sa lebagana le temo ya merogo fela mme fa nako ya temo e goroga le ene o a bo a di goga kwa pele kwa masimo. A re o dikile a bone dikgetsi tsa mabele di robabongwe. 

Mme Tsalayabotshelo a re temo thuo ke seikokotlelo sa Motswana e bile ke tsela ya go boloka ngwao ya lefatshe leno. A re gape e botlhokwa  mo botsogong jwa motho ka jaana e remeletse thata mo go direng ka diatla ka jalo e rotloetse itshidilo mmele mme o tlhalositse fa le dijo tsa Setswana di siametse botsogo jo bo itekanetseng ja motho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 10 Aug 2014