Breaking News

Letlhoko la motlakase le kgoreletsa ditirelo

10 Aug 2014

Mo maitekong a go tsisa ditlhabololo mo metseng puso e ne ya gokela motlakase mo metseng jaaka wa Gakuto mo kgaolong ya Kweneng ka ngwaga wa 2007, le fa go ntse jalo ofisi ya kgotla yone ga ea gokelwa motlakase.

Mo puisanong bosheng, kgosi wa motse oo, Rre Abdul Letlamma o ntshitse selelo ka go tlhoka go gokelwa motlakase mo ofising eo. A re kgotla ke lefelo la botlhokwa ka e le pinagare ya morafe e bile e le motheo le modi wa ditiragalo tsotlhe tse di amang morafe. 

O boletse fa seemo se,se sa mo jese diwelang,a tlatsa ka gore ditlamelo di tshwana le sekole,kokelwana,poso le ofisi ya ga molemisi di goketswe motlakase mme ofisi ya kgotla ya ntshiwa ka leso legolo.

O tsweletse a re go ngomola pelo go bona didirisiwa jaaka motshine wa dipampiri, khomputara le didirisiwa tsa sepodisi mo kgotleng di se mo tirisong ka ntlha ya go tlhoka motlakase.

Go ya ka Kgosi Letlamma gangwe le gape fa badirela puso ba etetse motse ba solofetsa gore ofisi e tlaa gokelwa motlakase mo bogaufing mme nako kgolo ke eno. A re le fa gone tsholofelo e sa tlhabise ditlhong ga ba bolo go leta mme seemo se,se a babalela.O supile fa seemo se ketefatsa tiro ya kgotla le sepodisi sa motse.

O tlhalositse gore mo nakong ya gompieno motlakase o thusa thata ka ele one o fefosang ditiro ka bontsi jwa didirisiwa di bereka ka one.  Kgosi Letlamma o kgadile a sa kgwe mathe seemo se, a re ke go supa fa batho bangwe ba le boitseme mo tirong. 

Mo go tse dingwe Kgosi o ne a itela ka letlhoko la metsi, le a boletseng le sa fe banni boroko.A re motse o godile mme sebe sa phiri ke gore ditanka tse di nosang motse di dinnye. O boletse fa e rile bosheng kompone ya Water Utilities ya simolodisa tiriso ya dikarata go gelela metsi mo Gakuto.

Go ya ka Kgosi,dikarata tse di botlhokwa mme bothata ke gore motse o na le dipompo di le borobabobedi mme go bereka di le pedi fela. 

Kgosi Letlamma a re ga kake a bona boikhutso go fitlhela ofisi ya kgotla e nna le motlakase. 

O ikuetse mo pusong go fefosa go diragatsa maitlamo a yone a go tsisa ditlamelo jaaka motlakase mo metseng e tshwana wa Gakuto. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kamogelo Nkile

Location : MOLEPOLOLE

Event : Puisano

Date : 10 Aug 2014