Ba Mc Carthys Rust ba kopiwa go nna pelotelele
10 Aug 2014
Banni ba Mc Carthy’s Rust mo kgaolong ya Kgalagadi ba kopilwe go nna pelo telele ka kgang ya lefelo la bone go nna motse oo tlhomamitsweng fa puso e sa ntse ee sekaseka.
Kopo e e dirilwe ke modulasetilo wa khansele ya Kgalagadi, Rre Frans Van Der Westhuizen mo phuthegong e maikaelelo a yone e ne e le go ya go rerisa morafe ka kgang ya lefelo la bone morago ga gore ba ngongorege fa go na le lobaka lo lo ntsi lefelo le ba leng mo go lone lo sa tlhomamisiwe go nna motse.
Modulasetilo wa khansele o ne a tswelela ka go tlhalosetsa banni fa khansele le ba na le seabe botlhe ba tswa kgakala le gore motse wa bone o godisiwe go nna motse, a kaya sebe sa phiri e le dipalo tse di kwa tlase tse di makgolo a mabedi lesome le bosupa ( 217)
Rre Van Westhuizen o supile fa dipalo tsa batho di tshwanetse go nna 500 go rurifadiwa go nna motse.
O kaile fa ba ne ba leka go buisana le tona wa matshelo a batho le tsa selegae Rre Peter Seile mo phuthegong ya khanseleng ee fetileng kwa Hukuntsi.
A kaya fa go ile ga retela gape ka mabaka a palo potlana ya banni ba lefelo leo. O ne a supa fa maiteko a khansele e a dirileng e le go aga sekole le matlo a barutabana mo lefelong leo, e le gone go leka gore motse o gole. A re ntle le moo go na le diofisi tsa melelwane kgosi , komiti ya VDC ee berekang le bone ka mananeo a ipelegeng le gone go isa ditlamelo kwa bathong jaaka go isa ditirelo tsa botsogo kwa go bone kgwedi le kgwedi.
Banni ka bontsi ba ne ba a kgwa modulasetilo dikgaba ka ba ne ba supa fa ba le sebete se molangwana ka tshwetso ee tserweng ke puso ka go tlhoka go tsaya kgang ya bone go tlhomamisa lefelo la bone go nna motse. Ba ne gape ba supa ba lekgotla la kabo ditsha ka monwana ka go tlhoka go ba baya ditsha kwa lefelong leo ka ba re ke la mafudiso.
Modulasetilo wa VDC wa Mc Carthys Rust Rre Fani Tumaeletse o ne a iteela kobo moroko mafoko abanni a kaya fa sengwe sa tse di ba tshwentseng mo kgannyeng eo e le go tlhoka go tla go rerisa morafe ke tona Rre Peter Seile jaaka ba ne ba kopile.
Rre Tumaeletse o ne a supa fa go tlhoka go tlhomamisiwa ga lefelo la bone go ba rontsha go akola mananeo a puso a a ka tokafatsang matshelo a bone ka mo gongwe ba lopiwa tse di tlhokafalang jaaka ditlankana tsa ditsha le tse dingwe.
Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha le le potlana fa araba dingongorego tsa banni mabapi le lekgotla leo, Rre Tuelo Moseki o ne a tlhalosetsa banni fa malao wa lekgotla leo o sa letle gore ba ka bewa semmuso ditsha pele ga lefelo la bone le rurifadiwa ka mo nakong ya gompieno le dirisediwa mafudiso.
Go le pele fa a akgela kgosi kgolo David Seetelo Toto o ne a supa fa puso e tsaya tsia motse wa bone ka o ne o na le kgosi yo o sekisang, lefa ka go tlhoka lesego a ne a tlhokafala ngogola. O ne a ba gakolola fa go le mo maruding a morafe go seka seka yo o tla thibang phatla ya gagwe.
Fa a leboga mokhaselara wa bone Rre Sam Brooks o ne a lebogela modulasetilo wa khansele ka phuthego eo, a ba a kopa banni go nna pelotelele ka tsholofelo ya gore kgang ya bone ka go kgoberega ga metsi e le go itsheka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Phuthego ya Morafe
Date : 10 Aug 2014