Kgwebo ya mebutla e bogadi bo gaufi
10 Aug 2014
Rre Kago Nthaga o rotloeditse Batswana go inaakanya le go gweba ka mebutla ka e le bogadi bo gaufi.
Rre Nthaga a re mebutla ga e lope ditshenyegelo tse dintsi mme go le motlhofo gore e atle.
Fa a bua mo potsolotsong, Rre Nthaga a re ene o sale a inaakantse le go gweba ka mebutla ka ngwaga wa 2010. A re ngwebo e ya gagwe e direla kwa motseng wa Mahalapye mo kgaolong ya legare.
O ne a bolela fa a tsere botsipa ba go rua mebutla mo rreng mongwe wa mosweu kwa Aferika Borwa.
Rre Nthaga, yo o dingwaga tse di masome a mararo le boferabobedi a re fa a sale a tsena mo kgwebong ya mebutla botshelo ja gagwe bo tlokafetse go menagane.
O supile gore fa motho a tsaa kgwebo e ka tlhwaafalo go motlhofo gore a bone dipoelo tse di nametsang.
Rre Nthaga a re mebutla ga e dingalo ka e sa tshabelelwe ke malwetse e bile dijo tsa yone di se thuru.
O boletse fa ditlhwatlhwa tsa mebutla ya gagwe di simolola ka P500.00 go ema ka P1 000.00.
A re mebutla ga e tlhoke go fiwa nako e ntsi thata motho a ntse a itebagantse le yone.
O kaile gore motho o kgona go dira ditiro tse dingwe tsa gagwe e sa mo kgoreletse ka go batla go fiwa nako e e kalokalo.
O ne a kaya gore se se tlhokegang thata mo thuong ya mebutla ke bophepa ka nako tsotlhe.
O boletse gore ene gantsi o lekola mebutla ya gagwe phakela le maitseboa, a batla go bona gore a go santse go le phepa le gore dijo le metsi di santse di le teng.
Rre Nthaga o supile fa a rekisetsa batho ba ba farologanyeng mebutla ba akaretsa ba ba rekelang go rua le ba ba yang go ja.
A re o lebogela Batswana ka fa ba mo rotloetsang ka teng, a supa fa theko e le kwa godimo fela thata mo e bileng bareki ba bangwe ba kgonang go tlhaelwa ke mebutla e a e tlhophetseng go e rekisa ka nako eo. O tlhalositse gore go ya ka fa a ratang kgwebo ya gagwe ka teng le ka fa a e tlhaloganyang ka teng ke gone mo go dirang gore a bone dipoelo tse di mo kgotsofatsang.
A re kgwebo e o e itshimololetse ka madi a gagwe mme o eletsa go kopa dithuso mo pusong fa nako e ntse e tsamaya gore a tle a e atlolose.
O ne a rotloetsa batho gore pele ba tsena mo dikgwebong ba batlisise pele ka tsone. A re e ne o tshela a tlhatlhelela ba le bantsi ka thuo ya mebutla mme a rotloetsa ba ba nang le kgatlhego ya go e rua gore ba ka kopa thuso mo go ene ka dinako tsotlhe.
Rre Nthaga o kaile fa mo lefatsheng leno batho ba ise ba kgatlhegele go rua mebutla ka bontsi.
O kaile gore mmutla ga o rate modumo o o fetleletseng, a re o kgona go swa fa go le modumo thata.
Rre Nthaga a re toro ya gagwe ke go bona kgwebo ya gagwe e godile go fetla fa e leng teng.
A supa fa a eletsa go thapa Batswana ba bangwe le go bula sekolo se se tlaa bong se itebagantse le go ruta ka mebutla le diruiwa tse dingwe.
Kwa bokhutlong o ne a supa fa e se morui wa mebutla fela mme a re o ruile gape le dikoko, dikolobe le dintsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : LERALA
Event : Potsolotso
Date : 10 Aug 2014