Breaking News

Thuto ke boswa

10 Aug 2014

Barutabana ba sekole  se se botlana sa Phaphane ba akgoletswe  tiro e ntle e ba e dirang ya go bereka ka natla go ntsha maduo a a itumedisang.

Mo moletlong wa go ipelela go dira sentle ga bana ba lokwalo la bosupa ba sekole seo ba ngwaga o o fetileng, mookamela sesole sa Botswana, Lieutenant General Gaolatlhe Galebotswe a re go rata tiro le boineelo jwa barutabana, go nna le maikaelelo le maikemisetso mo tirong ya bone ya sekole ga baithuti, le botsadi jo bo tlhaga mo dithutong tsa bana, ke dilo dingwe tse di isang thuto golo gongwe.

Lt. General Galebotswe a re bana ke bone baeteledipele ba lefatshe leno ba kamoso ka jalo ba tshwanetse go tsaya thuto ya bone ka tlhoafalo.

Fa a tswa la gagwe mogokgo wa sekole seo, Mme Mosasi Selemogo o supile fa ba bereka ba tshwaragane le komiti ya batsadi le barutabana ga mmogo le batsadi ba bana ba ba tsenang mo sekoleng seo.

 Mme Selemogo a re barutabana ba sekole sa gagwe ba dira ka natla mo tirong ya bone, mme se se mo itumedisang segolo bogolo ke gore ba kgona go bereka ka mafelo a beke le ka malatsi a boitapoloso tota mme ba sa lope dituelo dipe. A re se, ke sone se se dirang gore sekole sa bone se dire sentle, a tlatsa ka gore le batsadi ba eme bana ba bone nokeng.

O tsweletse a re ba na le thulaganyo e mo go yone ba laletsang batsadi go tla go bona tiro ya bana fa dikole di tswalwa, a kaya fa seo le sone se ba thusa fela thata ka go kgothatsa bana go dira sentle. Mme Selemogo o tlhalositse fa sekole sa bone se tsere maemo a ntlha mo kgaolong ya Kgatleng a mme bolela fa e se lantlha gonne ka 2012 ba ne ba di goga kwa pele gape. O akgoletse puso ya lefatshe leno go bo e bone go le botlhokwa go ba isa dikoleng go ya go oketsa dithuto tsa bone, a supa fa le gone go na le seabe mo go ntsheng maduo a mantle ao.

Mookamela lephata la thuto wa kgaolo ya Kgatleng, Rre Sir Wonder Masebola o supile fa sekole sa Phaphane se dirile kgaolo ya bone motlotlo ka go dira sentle mo ditlhatlhobong tsa lokwalo la bosupa. A re ke maiteko a mantle fela thata gonne se gaisana le dikole tse di ikemetseng mme se nna se tsaya maemo a ntlha. Rre Masebola a re sekole seo se nnile sa ntlha go fiwa dibolo ke tautona morago ga gore se dire sentle gape ka 2012.

E ntse e le kwa moletlong oo, Botswana Savings Bank e ntshitse mpho ya P50 000 e le go rotloetsa thuto mo lefatsheng leno. Fa a aba madi ao, mookamela banka eo, Rre Leatile Maine o supile fa ba sa le ba itshwaraganya le sekole seo ngwaga o o fetileng morago ga go dira sentle mo ditlhatlhobong tsa bana ba lokwalo la bosupa ka 2012. A re ngwaga o o fetileng ba ne ba se abela P25 000 mme ba ba solofetsa gore fa ba ka dira sentle gape ba ya go oketsa madi, jalo ba diragaditse tumalano eo ka go ba abela P50 000 monongwaga.  Rre Maine o tsweletse a ba solofetsa gore fa ba ka dira sentle gape ngwaga ono ka go gaisa dikole tse di mo Botswana tsotlhe ba tla oketsa madi a bone gape. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : MOCHUDI

Event : Moletlo wa ipelela maduo

Date : 10 Aug 2014