Letlhakeng o ipelela ngwao
10 Aug 2014
Motse wa Letlhakeng o tla a keteka letsatsi la ngwao kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome mabedi le borobabongwe.
E rile a bua mo potsolotsong bosheng, kgosi wa motse oo, Rre Itsoseng Gaoonwe a tlhalosa gore ka letsatsi leo go tla a bo go aperwe diaparo tsa setso jaaka dijale, mateisi, mpeetshane le diaparo tsa matlalo e bile go tla bo go jewa dijo tsa setso di akaretsa legodu, bogobe jwa lerotse, dinawa, letshotlo le tse dingwe tse di farologaneng.
A re dikgotlana ka go farologana di tshwanelwa ke go tla di dirile bojalwa jwa setso, mme a kopa morafe go tla ka tsotlhe tse di tla a tlhokegang ka letsatsi leo, a tlhalosa fa e tla a bo e se letsatsi la ga ope mme ele la morafe wa Letlhakeng ka kakaretso.
O buile a menne phatla gore ga go na go letlelelwa ope go tsena mo kgotleng a apere borokgwe gonne ga se setho.
O kopile morafe go iketleetsa ka palo e e kwa godimo le go tsaya karolo mo moletlong oo.
A re monongwaga thobo e nnile ntsi ka jalo moletlo o, e tla bo e le tsela nngwe ya go lebogela thobo eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : LETLHAKENG
Location : Moses Mokoanene
Event : Puisano
Date : 10 Aug 2014