Batswana ba rotloetswa go ipelafatsa
10 Aug 2014
Mothusa tona mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso,a re Batswana ba tshwanetse go ipelafatsa ka ditiro tse ba di dirileng morago ga go tsaya boipuso ka 1966 mo mmusong wa bokolone.
Mme Tshireletso o buile mafoko a fa ane a simolodisa semmuso letsatsi la go tlhagolela tsela dipaakanyetso tsa boipuso jwa dingwaga tse di masome matlhano lefatshe leno le ntse le ipusa jo bo tla ketekwang ka ngwaga wa 2016 le go wetsa toro ya Vision 2016 ya tshaba e rutegileng,tshaba e kutlwelo-botlhoko e bile e kgatlhalang ka matshelo a batho ba bangwe.
A re lefa lefatshe leno le simolotse le lebanwe ke dikgwetlho di tshwana letlhoko la ditlhaeletsano,ditsela,dikole,letlhoko la ditiro,dikokelo le dikokelwana, gone Batshwana ba tshwanetse go phophotlha magetla goromente wa lefatshe leno ka jaana o kgonne go tokafatsa matshelo a Batswana ka go tokafatsa seemo sa ditsela,go dira mafaratlhatlha a motlakase,phatlalatso ya metsi,go tokafatsa seemo sa thuto le go simolola mananeo a batho ba ka a dirisang go tlhabolola matshelo a bone.
Mme Tshireletso yo e bileng ele mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Botlhaba o boleletse batho ba ba neng ba tsene moletlo oo go tsweng kwa dikgaolo tsa Bokone Bophirima,Bokone Botlhaba,Legare,Kgatleng,Kweneng,kgaolo ya borwa, Jwaneng,Lobatse,Gaborone,Francistown le Sua-pan fa gole mo maruding a Batswana go simolola go ipaakanyetsa boipuso joo ka mashetla ka go tsosolosa ditso le dingwao tsa bone.
A re ka ntlha ya tirisano mmogo,therisano le tsamaiso ya puso ya batho ka batho ke sone se lefatshe leno le kgonneng go gatela pele mo ditirong tsa ditlhabololo e bile go sena batho bape ba ba kileng baya lejwa ka ntlha ya sepolotiki kana dintlwa tsa semorafe jaaka go direga mo mafatsheng mangwe a Africa.
E rile kgosi Tsoebebe Duncan Segotsi a amogela baeng mo motsing wa gagwe, a itleela megolokwane dikgosi tse di neng tsa kopela lefatshe leno tshireletso kwa go Mmamosadinyana e bong kgosi Bathoen wa Bangwaketse,kgosi Sebele wa Bakwena le kgosi Khama wa boraro wa Bangwato.
A re ke nako ya gore Batswana ba eme ka dinao go ipaakanyetsa meletlo ya boipuso jwa dingwaga tse pedi tse di tlang ka go tsosolosa ngwao ya bone le goruta banana ba lefatshe leno mekgwa ya Setswana e tshwana meila le metshameko e akaretsa Nxai,thobokwe,morabaraba,koi le mmino wa setso.
E rile Mopalamente wa Mahalapye Bophirima Rre Bernard Bolele a ntsha mafoko a malebo a akgolela mmuso go tswa ka mogopolo wa go tlhotlheletsa Batswana go simolola go ipaakanyetsa boipuso jwa 2016 ka ele jone jo tshaba ya lefatshe leno e tshwanetseng go ipelafatsa ka jone mo dingwageng tse di masome matlhano ba ntse ba ipuso.
Rre Bolele o rile lefa gona le dingwe tse di santseng di saletse morago, seo ga se a tshwanela go kgoba Batswana marapo ka jaana mmuso o dirile go menagane go tokafatsa matshelo a bone ka go simolola mananeo a tshwana Nyeletso lehuma,Ipelegeng,ISPAAD le LIMID go leka go lwantsha lehuma,letlhoko la ditiro le go tsosolosa mhama wa temo-thuo.
Letsatsi leo, le le neng la simolola ka mogwantlo o neng o gogwa kwa pele ke ba sepodise sa dikgolegelo le dipitse tse di neng digoga karaki ya modiro wa kwa ga Mmamosadinyana e neng e pegile Mme Tshireletso le kgosi Segotsi,one wa natifisiwa ka mabako,mmino wa setso le di dirisiwa tse di neng di dirisiwa ke Batswana pele ga boipuso ditshwana majokwe a dikgomo,dijo tsa Setswana jaaka kabu,lengangale kana mpale,sesoswane le bojalwa jwa Setswana jo bo itsegeng ka leina la mokuru gammogo le kgotla ya setswana e magosi a motse wa Mahalapye ba neng ba orela molelo mo go yone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Letsatsi la go tlhagola tsela
Date : 10 Aug 2014