Mabutswa pele a tlogetse motlhala
07 Aug 2014
Mothusa tautona, Dr Ponatshego Kedikilwe a re o leboga mabutswapele a Domkrag go bo ba ba tlogeletse lesedi, tsholofelo le botlhale jo gompieno balatedi ba phathi eo ba bo jang.
Fa a supa ntlhopheng wa bopalamente le makhanselara ba kgaolo ya Mogoditshane ka Matlhatso, Dr Kedikilwe o boletse fa boswa jo bo akaretsa thulaganyo e mo go yone ba dumalaneng gore mahumo otlhe a lefatshe leno ka go farologana a akolwe ke Batswana botlhe ka go lekalekana.
Mothusa tautona o boletse fa seo ele one motlhala wa tsamaiso ya puso e phathi ya Domkrag e tla tswelelang e o sala morago e bile a re lefatshe leno le fa leleng teng ka ntlha ya thulaganyo eo.Mothusa tautona a re o dumela gore fa Madomi a santse a sala maitlamo a phathi morago, ba tla tlhopha Rre Patrick Masimolole go boela palamenteng le makhanselara a gagwe.
O bile a kaya gore ere ntswa phathi ya BDP e kgalelwa mananeo a yone, puso e naya Batswana ditshetsa matshelo di tshwana diritibatsi tsa bolwetse jwa AIDS , dipeo le dichefi mahala e bile gape e tlhokomela masiela le batlhoki.
A re fa puso e ne e ka seka ya thusa ka mananeo a tshwana le Ipelegeng, nyeletso lehuma le a mangwe , o ipotsa gore go ne go ka bo go tshelwa jang mo nakong eno.
O tsweletse a re puso e tsweletse ka go sega tema ka ba tshwere ka go batlela banana diphatlha tsa mebereko.
O boletse gore selo se Batswana ba tshwanetseng ba ipelafatsa ka sone ke ditumelo tse di letlelesegang mo lefatsheng leno, poifo Modimo le gone gore motho mo lefatsheng leno o a tlhomphiwa.
Sebui se sengwe, Rre Kabo Morwaeng, o kgothaditse batlhophi go busetsa phathi ya Domi mo pusong mme a gatelela gore go tlhophele phathi ya ga abo motlhala o montle o o papametseng fa go lebilwe ditiro tse e di diretseng lefatshe, segolo bogolo mo pusong ya batho ka batho.
A re BDP e kgonne go sireletsa puso ya batho ka batho le molao motheo fa go tshwantshanngwa le mafatshe a mangwe a lefatshe leno le tsereng boipuso le one mo kgaolong ya Aferika.
O tsweletse a re mafatshe ao, one a setse a fetotse melao metheo ya one mme lefatshe leno lone ga le a dira jalo ka Motswana mongwe le mongwe a gololesegile go itlhophela phathi ya pelo ya gagwe.
A re se, se dirile gore mafatshe a mangwe a meletse lefatshe leno mathe ka go rena kagiso le thokgamo.
Fa a tswa la gagwe Dr. Rev. John Seakgosing o supile fa Batswana ba batla puso e e netameng eseng e e lekelediwang.
A re phathi ya ga abo e tsaya tlhopho ya Batswana ka tlhoafalo, ke sone se se dirileng gore Batswana le bone ba e tseye jalo, sebe sa phiri ke kwelo tlase ya itsholelo e e amileng ditlhabololo mme a tlhalosa gore ntle le yone, phathi ya gagwe e kabo e dirile go tlala ka diatla mo mohameng wa ditlhabololo.
Le fa go ntse jalo, a re ba ikanne gore ga gona Motswana yo o tla welang mo isong le fa ditlhabololo di ka ema.
O kopile batlhophi go tshwara boOmang le dikarata tsa bone tsa go tlhopha sentle ka go utlwala fa go na le bangwe ba ba di ba amogang.
Fa a latlhela la gagwe, ntlhopheng wa bopalamente mo kgaolong, Rre Patrick Masimolole o boleletse batlhophi gore ipapatso ya bone ke e e rekisang maitlamo le mananeo a phathi fela eseng sepe gape.
O boletse fa a diretse kgaolo ya Mogoditshane ditlhabololo di le dintsi di tshwana le tsela e tona e e ralalang motse le go emisa go thubelwa matlo ga batho ba kgaolo.
A re mo nakong eno bana ba batho ba ba tseetsweng masimo ba bone ditsha, mme o boletse fa tseo ele dingwe tse di supang motlhala wa gagwe ka jalo a kopa gore batlhophi ba mmusetsa gape kwa palamenteng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshupo Ntlhopheng
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya phatlalatsa
Date : 07 Aug 2014