Motlobo o ntsha maduo
07 Aug 2014
Banni bangwe ba Tonota ba opetse motlobo wa dibuka wa motse oo legofi ka ba re ditlamelo tse ba di fitlhelang koo di a nametsa e bile di ba tswetse mosola fela thata mo botshelong.
Mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA, Mme Seeletso Ntekola wa dingwaga tse di masome a mabedi le boferabobedi o tlhalositse fa maduo a motlobo oo a tswelela ka go itshupa mo botshelong jwa gagwe ka a ithutile go le gontsi.
Mme Ntekola, yo o direlang mo lekalaneng le le ikemetseng ka nosi kwa Francistown a re o bone tiro ka setlankana se a se filweng kwa motlobong oo, a sena go wetsa dithuto tsa gagwe tsa maranyane a dikhomputara.
“Ke simolotse ke nna ke ikela kwa motlobong wa dibuka ke ya go bala morago fela ga o sena go bulwa, mme moragonyana ka simolola dithuto tsa dikhomputara tse ke neng ka bona go le botlhokwa gore ke di tsenelele ka ke ne ke sa bereke gope,” ga bua jalo Mme Ntekola.
A re o lebogela dithuto tseo fela thata ka tota a ise a ipone a ntsha madi ape go di anywa.E rile a tswa la gagwe, Rre Mosimanegape Kaobona wa dingwaga tse di masome a mane le bosupa, a tlhalosa fa a lebogela motlobo oo fela thata le ene.
A re ene ke motho yo o ratang go bala dipampiri tsa dikgang, mme go le gantsi o iphitlhela a sena madi a go reka dipampiri tseo ka go farologana ga tsone, ka jalo a feletsa a ikgogela kwa motlobong go ya go bala dikgang.
“Go botlhokwa go itse tse di diragalang mo tikologong ya rona ka jalo dipampiri tsa dikgang di re tswela mosola fela thata,” ga bua Rre Kaobona.Mo potsolotsong, Rre Father Maniki, yo e leng mookamedi wa motlobo wa dibuka kwa Tonota, o tlhalositse fa a itumelela ka fa banni ba amogetseng motlobo o ka teng.
A re e sale jaaka o bulwa semmuso ka ngwaga wa 2011, dipalo tsa batho ba ba dirisang motlobo di golela pele, a tlatsa ka gore motlobo o ke mongwe wa e e dirisiwang thata go tshwantshanngwa le mo metseng e mengwe.
O tsweletse a re go nna le kitso ya dilo tse di farologaneng go botlhokwa fela thata, a tlatsa ka gore mo malatsing a gompieno ga se go le gontsi mo motho a ka go dirang a sena kitso.
A re le fa go ntse jalo, o lemogile gore batho ba le bantsi ba bona go le botoka go senka kitso ba dirisa maranyane a Inthanete, a tlatsa ka gore o itumelela gore ba na le dikhomputara mo motlobong tsa go thusa batho ba go nna jalo.O tlhalositse fa ba na le dithut
o tsa dikhomputara tse ba di fang batho kwa ntle ga tuelo epe, mme a re mongwe le mongwe o letlelesega go tsenelela dithuto tse, a tlhalosa fa di tsaya selekanyo sa dikgwedi tse tharo fela.
A re dithuto tseo fa di wela, baithuti ba fiwa setlankana se ka sone ba ka ipatlelang ditiro ka sone.
E re go sale foo, Rre Maniki a re dithuto tse, di tsenelelwa gabedi mo bekeng, dioura di le pedi go ya kwa go tse tharo mo letsatsing. A re o lebogela gore tiriso ya dibuka ke e e siameng ka ba ise ba kopane le makgwere ape fa go tla kwa kadimong ya dibuka, a supa fa babadi ba di busa ka nako.
Rre Maniki a re ba tsaya matsapa gangwe le gape e le babereki ba motlobo oo go itsise batho ka botlhokwa jwa go bala, go nna le kitso.
A re ba tsena mo mafelong a a nang le batho ba le bantsi jaaka dikokelwana go ruta batho ka dilo tse di farologaneng, a tlatsa ka gore ka kgwedi ya Seetebosigo ba ne ba ile kwa kokelwaneng ya Masedi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : TONOTA
Event : Potsolotso
Date : 07 Aug 2014