Breaking News

Makalana a simolotse dipatlisiso

07 Aug 2014

E re jaaka Motswana  a rile kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa,ba lephata la botsogo, ba lekgotla la Botswana Havard le ba Centers for Disease Control ba bone go le maleba go tshwaraganela kgetsi ya tsie mabapi le go lwantsha bolwetsi jwa segajaja jwa HIV/AIDS.

E rile a bua mo phuthegong ya kgotla ka Labone kwa Letlhakeng, mogolwane wa ba ba itebagantseng le go ikgolaganya le morafe, Rre Vusi Ndaba o kaile fa tshwaragano ya bone e le nngwe ya mananeo a a tlatsang a a leng teng mo go lwantsheng le go laola bolwetsi jwa HIV/AIDS, a supa fa ba sa sutise a leng teng. Rre Ndaba a re ba simolotse lenaneo la bone le le itebagantseng le go dira dipatlisiso ka bolwetsi jwa HIV/AIDS.

 O boletse fa ba tla dirisa mothale o sele wa go tsena ntlo le ntlwana go kopa go tlhatlhoba batho mo malwapeng a bone.  O boletse fa ba tla kopa go tlhatlhoba banni ba malwapa a ba tlaabong ba a etetse mme e bile ba sa pateletse ope, a tlatsa ka gore se ba se kopang fela ke go bona banni ba tsaya karolo.

Rre Ndaba a re ba bone go le botoka go isa ditlamelo kwa bathong eseng go di feletsa kwa ditoropong, a tlatsa ka go bolela fa ba ne ba gwetlhile le ke go bona didirisiwa tse ba nang le tsone di ka se kgone go lekana lefatshe lotlhe.

O kaile fa motse wa Letlhakeng o ne wa nna mongwe wa metse le metse-selegae, mo go e e masome mararo e e tlhophilweng go direlwa dipatlisiso tse mo go yone.

A re dipatlisiso tsa bone ba tlaa di dira ka seelo sa 20% sa banni ba Letlhakeng ngwaga ono mme ba boe ba tle go feletsa 80% ngwaga o o latelang.

O boletse fa gape ba thapile batho bone ba ba tla tsamayanag ntlo le ntlwana ba dira dipatlisiso tse, a tlatsa ka gore ga ba tlhophe lelwapa la ga ope ka kitso ya fa le amilwe ke bolwetsi jo.

O tsweletse a supa fa batho ba ba thapilweng e le ba ba rutetsweng tiro ya go dira tse ba tlaabong ba di dira ka nako ya dipatlisiso tse.

A re botlhe ba ba tlaabong ba tsere karolo mo dipatlisisong tse, ba tla thusiwa ka lenaneo la go nwa dipilisi tse di ritibatsang mogare fa ba ka tshwarwa ka one, le go fiwa dikgakololo le tshidilo maikutlo kana fa e le bo mme ba ba itsholofetseng ba rotloediwa go tsenelela lenaneo la go kganelela mogare go tswa mo go mmangwana go ya kwa leseeng la Prevention of Mother To Child Transmition (PMTCT).

O ne a kopa morafe go dirisanya le ba ba tlaabong ba dira dipatlisiso tseo ka ba tlhokana le dipalo go itse seemo le kanamo ya bolwetsi jwa HIV/AIDS, a tlatsa ka go bolela fa dipatlisiso tse di simolotse mme di tla tsaya sebaka sa dikgwedi tse pedi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moses Mokoanene

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 07 Aug 2014