Breaking News

Thoromo ya lefatshe e amile mafelo mangwe

07 Aug 2014

Lephata la meepo, kgothetso le metsi le ntshitse pego ka thoromo ya lefatshe e e diragetseng kgwedi eno e tlhola ga tlhano.

Thoromo e e amileng Orkney kwa Aferika Borwa, e akanyediwa go nna ya bokete jwa 5.3 mo sekaleng sa RICHTER e gatisitswe ke  mafelo a feta boraro eleng  Magotlhwane mo Botswana, Aferika Borwa, Zimbabwe le Zambia.

Thoromo e ya lefatshe e utlwetse mo mafelong a le mmalwa mo Botswana a akaretsa Gaborone le mafelo a a mabapi, Lobatse le mafelo a a mabapi gammogo le Jwaneng.

Setshaba se itsisiwe gore se ka tswelela le ditiro tsa sone tsa tsatsi le letsatsi fa lephata la Geological Surveys le tsweletse ka go baya seemo leitlho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Thoromo ya lefatshe

Date : 07 Aug 2014