Breaking News

Lekgotla le ikaelela go bula mmmaraka

07 Aug 2014

Ba Tshukudu Horticultural Farmers Association ba ikaelela go bula mmaraka wa maungo le merogo kwa  Francistown gore bagwebi botlhe ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba kgone go rekisa  dithoto  tsa bone teng.

E rile a bua kwa ditshupong tsa temo thuo kwa Masunga bosheng, modulasetilo wa lekgotla leo, Rre Melton Bangale a bolela gore balemi ba merogo le maungo ba eleng maloko a lekgotla le ga ba na go tlhola ba letlelelwa go rekisa mo mekgwatheng mme  go solofelwa fa ba tla tsisa thobo ya bone kw a mmarakeng oo.

Rre Bangale a re  dipaakanyo tsa mmaraka oo di weditswe mme  o tshwanetse wa bula mo bogaufing jalo a supa fa  go solofelwa gore balemi ba duela matsana a go nna leloko la lekgotla, selo se a reng se tla letlelela balemi go rekisa mo mmarakeng o.

A re seemo sa loapi se se sa iketlang ke sone se se tshwenyang mo mohameng wa temo thuo, jaaka kapoko e e kileng ya wa bosheng e e amileng kgaolo eo gammogo le go tlhoka kwa balemi ba ka rekisang thobo ya bone teng.

 Mmaraka o tla thusa go batlela balemi ba kgaolo ya Bokone Botlhaba kwa ba ka rekisang thobo ya bone teng.

Fa a ntsha la gagwe mongwe wa bagwebi, Rre Thuso Raditsebe yo o simolotseng kgwebo ya maungo le merogo ka 2008, kwa Matshelagabedi, a re go tlhoka kwa ba rekisang thobo ya bone teng ke kgwetlho e tona mo go bone gonne bontsi jwa mabenkele a matona  bo tsaya maungo le merogo mo mafatsheng a a mabapi.

Le fa go ntse jalo, Rre Raditsebe o ntshitse matshwenyego a gore  balemi ba ne ba solofetse fa  mmaraka o o tla bulwa  Motsheganong monongwaga, se se dirileng gore ba leme go le gontsi. Molemi yo gape o kopile maphata a puso go ba rotloetsa ka go reka maungo le merogo ya bone.

Molemi yo mongwe, Rre Enock Mosojane a re o solofela fa mmaraka o tla bulwa  mo bogaufing go  thusa  go ba batlela kwa ba ka rekisang dithoto tsa bone teng. BOPA

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MASUNGA

Event : Ditshupo tsa temo thuo

Date : 07 Aug 2014