Breaking News

Ba falotse kgolegelo ka tshoba la mogodu

07 Aug 2014

E rile bosheng, Onkabetse Letshwenyego le Moalosi Ntota ba dingwaga tse di masome a mabedi le boferabobedi le masome a mararo le bone ka go latelelana, ba falola kgolegelo ka tshoba la mogodu.

Se, se tlile morago ga gore bobedi joo, jo bo tlholegang kwa Mhakamme kwa Tonota bo ipone molato wa go ikadima mogoma mongwe wa one a sa itse. 

Motsamaisa tsheko, Kgosi Ramosenyi Radipitse o tlhalositse fa bobedi joo e rile kgwedi ya Phukwi e tlhola malatsi a le lesome le botlhano ba utswa mogoma wa BB12 wa ga Rre Lekone Tirafalo wa Gulushabe kwa Tonota. 

Rre Tirafalo a boletse fa a kopela borre bao maitshwarelo ka mogoma o bonetse e bile a tlhalosa fa a ba utlwela botlhoko ka jalo Kgosi Radipitse a tsholola kgetse eo.

Mo tshekong e nngwe, Moses Oageng yo o neng a sekisediwa molato wa kiteo a sena go betsa mokapelo wa gagwe Mme Seareng Tlhobogang, kgwedi ya Phukwi e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bongwe o ne a seka a ipona molato. 

Tiragalo eo, go bolelwa e diragetse morago ga go tlhoka kutlwisisano magareng ga bobedi joo.

E rile moikuedi a tlhotlhomisiwa a bolela fa a tsere tshwetso ya go tsholola tsheko ka ba buile kgang kwa lwapeng mme Kgosi Radipitse a sala morago tshwetso eo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Terry Makgoeng

Location : TONOTA

Event : Tsheko

Date : 07 Aug 2014