Boipuso jwa monongwaga bo tlhagola tsela
07 Aug 2014
Go bolelwa fa boipuso jwa mono ngwaga e le matlhagolatsela a boipuso jwa 2016 jaaka Botswana a tla bo a ipelela dingwaga tse di masome matlhano a ntse a ipusa.
Mo phuthegong e e neng e buisiwa ke dikomiti tse di eteletseng pele ditirelo tsa boipuso, Kgosi Pius Letsholo wa Woodhall o akgoletse morafe wa toropo eo go tshologela phuthego eo ka mmetela
Fa ba a fa tekodiso ka mo ba tsweletseng ka teng, Rre Boineelo Sechane wa komiti ya dikereke o kopile dikereke go nna le seabe mo merapelong ya kgwedi ya Lwetse, a bo a ba kgothatsa go tla le dikhwaere tse di tla nnang le seabe mo dikgaisanong tsa moopelo.
Moeteledi pele wa komiti ya mmabontle le rabontle ba boipuso, Mme Tebogo Thebe o tlhalositse fa ba gatetse pele ka jaana ba beile dipampiri tsa go ikopela go tsenelela kgaisano kwa dikgotleng mme dikgaisano di tla tshwarwa kgwedi ya Lwetse ele masome a mabedi le bosupa, kwa Civic Centre.
Mme Boitshwarelo Molosiwa yo o eteletseng pele komiti ya dijo tsa Setswana, ene o boletse fa ba na le kgwetlho ya go latela dijo tseo ka jaana go tlhoka sepalamo, mme a supa fa ba emetse go kopana le molemisi gore a ba thuse go tlhopha ditswa temong tse di siameng.
Mme Molosiwa o tsweletse a kopa ba ba itseng bao ba nang le dijo tsa Setswana le maungo a naga gammogo le ba ba ka tlang go ba tlhatlhelela ka kapei ya tsone go ba thusa gore ba kgone gore e re kgwedi ya Lwetse e simologa ba bo ba nale tsone.
A re maikaelelo ke gore ditirelo tseo tsotlhe fa di dirwa go bo go ntse go nale dijo tsa Setswana.
Moeteledi pele wa komiti ya metshameko, mmino wa Setswana le ngwao, Mme Rosinah Makgoeng ene a re ba tla rulaganya dikgaisano ba lebeletse dikarolo tse di farologaneng tsa mmino wa setso kakaretso, poko le metshameko ya Setswana, jalo a kopa ba ba eletsang go tsaya karolo go tlatsa dipampiri tsa ikopelo kwa dikgotleng.
O boletse fa go tla bo go na le dikatso tsa ba ba dirileng sentle.Metshameko e mengwe ke ya kgwele ya dinao le bolotloa, e eteletsweng pele ke Rre Francis Tiro Mokwena yo a supileng fa banana ba le maoto a tshupa go tla bokopanong.
Rre Mokwena a re ba rulagantse gore kgaolwana nngwe le nngwe mo go tse di lesome le bobedi, e baakanye batshameki ba bone ba maemo a ntlha go ba emela.
O tsweletse a re keletso ke gore metshameko e simologe kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bofera bongwe, mme legato la bobedi le tshwarwe Lwetse ale masome a mabedi le bongwe, fa makgaola kgang one a tla nna ka letsatsi la boipuso.
O tlhalositse fa go tla dirwa melawana e e tsamaisang metshameko eo mme o gateletse gore go seka ga dirisiwa batshameki ba ditlhopha tse di setseng di le teng
Mokhanselara, Rre Batsile Dirameare o lebogile morafe thata go tla phuthegong eo ka mmetela mme a tlhalosa gore go atlega ga yone go supa fa molaetsa o tla goroga kwa go ba ba sa kgonang go tla, a tlatsa ka gore boipuso jo ba bo baakanyetsang ke jo bonang le ditiro ka jalo go rerisa setshaba go botlhokwa.
O ba kgothaditse go tswelela ba tsena diphuthego ka makatla namane gore ba kgone go amogana megopolo. BOKHUTLO
Source : BOPOA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Phuthego ya go ipaakanyetsa meletlo
Date : 07 Aug 2014