Kgosi o itumelela boitshwaro jwa banana
06 Aug 2014
Kgosi wa Letlhakeng, Rre Itsoseng Gaoonwe o tlhalositse fa a itumelela boitshwaro jwa banana ba motse wa gagwe.
Kgosi Gaoonwe o tlhalositse se mo puisanong le BOPA a supa fa boitshwaro jwa banana ba Letlhakeng monongwaga bo nametsa.
O boletse fa ba ise ba gatise dikgang dipe tsa borukutlhi, a tshwantshanya le ngwaga o o fetileng.
Kgosi o kaile fa metshameko e le yone e nang le seabe mo phetogong ya boitshwaro jwa banana, a bolela fa ka bontsi jwa bone ba ikgaphile mo majalweng mme ba inaakantse le go akola mananeo a puso.
Kgosi o boletse fa gape a itumelela banana ba ba atlegileng mo mananeong a puso jaaka la Youth Development Fund e bile ba kgona go rekisetsa ba ba eletsang go simolola dikgwebo tse di tshwanang le tsa bone.
O akgola banana e bile o ba rotloetsa go inaakanya le go itshimolodisetsa dikgwebo tse di itebagantseng le temo-thuo ka di na le dipoelo, a tlatsa gape ka go rotloetsa banana go dirisa mananeo a a tshwanag le a Ipelegeng ka a na le dipoelo.
O bolela fa a eletsa gore banana ba motse wa gagwe ba tswelele ka boitshwaro jo bontle go fitlhelela 2016. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Mokoanene
Location : LETLHAKENG
Event : Puisano
Date : 06 Aug 2014