Batawana ba tlhoma mothusa kgosi kgolo
06 Aug 2014
Motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Kealetile Moremi o tlhaloseditse morafe wa Maun fa kopo ya bone ya go ka tlhoma Rre Bringle Dithapo go nna mothusa kgosi kgolo e atlegile.
E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kgolo kwa Maun bosheng, Kgosi Kealetile a tlhalosa fa a amogela Rre Dithapo ka tsoo pedi mo boemong jwa kgosi kgolo le morafe. O tlhalositse fa Rre Dithapo a diretse puso ya Botswana ka lebaka, ka jalo ba sena pelaelo epe go mo fa thomo eo.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Kealetile o kopile Rre Dithapo go direla morafe wa Goo Tawana ka bonatla, mme e bile a supa fa bogosi e le tiro e e bokete. A re mo Goo Tawana go na le merafe e e farologaneng e e tshwanetseng go tsewa ka tekatekano gore go seka ga nna le semorafe.
Kgosi Charles Letsholathebe o boletse fa Rre Dithapo a ka se kgone a le esi jalo a tlhokana le kemo nokeng ya morafe.
Fa a ntsha la gagwe, Rre Dithapo o kopile thotloetso mo morafeng le dikgosi tsa motse oo gore a kgone go ba direla ka botswa pelo. Rre Dithapo o tlhomiwa jaana morago ga loso la mothusa kgosi kgolo, Kgosi Pitsoyabosigo Moremi. BOPA
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 06 Aug 2014