Badiri ba kgothadiwa go tshwaragana
06 Aug 2014
Badiri ba maphata a dikitsiso le kgaso ba gakolotswe go nna le tirisano mmogo gore ditlhopho tsa setshaba tsa mono ngwaga di atlege.
Mo loetong la boeteledipele go rutuntsha le go tlhalosetsa badiri ba maphata oo mabedi ka tse go solofelwang gore di dirwe le ka fa ditlhopho tsa setshaba di tla bo di tsamaisiwa ka teng lefatshe ka bophara, mookamela lephata la dikitsiso, Rre Russ Molosiwa o tlhalositse fa maphata oo mabedi ba setse ba ipapanne ka go baakanya di dirisiwa le badiri botlhe ba ba tla tsayang karolo mo ditlhophong tseo.
O kaile fa di dirisiwa di tshwana le dikoloi e le kgwetlho mme a ba kopa go kopanela mmogo bonnye jo bo teng.
Mogolwane go tswa mo lephateng la kgaso, Mme Keitirele Matlhape ene o gakolotse badiri go ela tlhoko melao ya ditlhopho, go e bala le go e ithuta go itsa go dira diphoso tse di ka felelang di baka dikgotlhang.
O boletse fa babega dikgang ba tshwanetse go ela tlhoko le go tlhomamisa gore dikgang tse ba di begelang setshaba mabapi le ditlhopho ke tse di tlhotlhilweng sentle e bile di le boammaaruri ka nako tsotlhe.
Mme Matlhape o kaile fa ba IEC e le bone ba ba di gogang kwa pele mo tsamaisong ya ditlhopho, mme maduo one a tla rurifadiwa ke moatlhodi mogolo ka letsatsi la bofelo la ditlhopho.
O tsweletse a kopa babega dikgang go dira tiro ya bone ka natla le ka manontlhotlho ka nako tsotlhe le go tlhomamisa gore ba bega dikgang tsotlhe tsa diphati tse di farologaneng tsa sepolotiki ka tekatekano le ka nako e e tshwanetseng.
Mme Matlhape o supa fa baeteledipele ba tla leka ka bojotlhe go romela badiri ba seromamowa bogolo jang mo dikgaolong, a tlatsa ka go kopa babereki go nna le boitshwaro jo bo eletsegang mo setshabeng ka nako tsotlhe.
Mogolwane go tswa mo lekalaneng la thelebisheni ya Botswana, Rre Montsho Mgadla ene o boletse fa ba le malala a laotswe mo ipaakanyetsong ditlhopho tseo ka go phatlhalatsa badiri ba thelebisheni go ralala lefatshe leno.
Le fa go ntse jalo, badiri ba maphata oo mabedi ba ngongoregile ka tlhaelo ya diofisi le dikoloi ba supa fa go ka felela go ba paledisa go thusa setshaba sentle le gone go dira tiro ya puso ka fa tshwanelong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Leeto la boeteledipele
Date : 06 Aug 2014