Breaking News

E a re go tlogelwa tsatsing...

06 Aug 2014

Motswana o sale a buile gore ya re go tlogelwa tsatsing, se ikise meriting.

Seane se, se maleba thata fa re leba bomme le borre ba thuto ga e golelwe ba ba tsenelang kwa sekoleng se sebotlana sa Masokola mo Serowe.

Setlhopha se, se se eteletsweng pele ke morutabagolo Mme Ania Bosekeng se ipitsa O Tsosa Nna le Wena, mme se dira dijeme, mebanki ka dipampiri, atchar le go roka dibaga.

Mokgatlho o, o na le maloko a le borobabobedi mme botlhe ba tsena sekole sa bagolo, bomme ba le barataro le borre ba le babedi.

Mo potsolosong le lekalana la dikgang la BOPA, moeteledipele wa bone Mme Bosekeng o tlhalosa fa mo dithutong tsa bagolo go na le tsa ditiro tsa diatla.

A re leina la bone le tlhalosa gore fa mokoko o lela maphakela o tsosa batho botlhe, mme ka jalo ba bona go le molemo go ipitsa jalo.

O ne a tlhalosa fa lenaneo-thuto la bone le ama dikitso tsotlhe tsa ditiro tsa diatla e bile bagolo ba, ba kgona go rutana ka bo bone.

Mme Bosekeng a re ka mokoduwe go tsoswa o o itekang, e rile ka ngwaga wa 2012 a simolola go ruta setlhopha se, a fitlhela bontsi jwa bone ba itse dikitso dingwe tsa ditiro tsa diatla di tshwana le go loga dibaga, go dira dijeme, le go dira atsha go inamola mo lehumeng.

A re mokgatlho o wa O Tsosa Nna le Wena ke mokgatlho fela o o kwadisitsweng ka fa molang, mme e bile o simolotswe ka go kokoanyana madinyana, mongwe le mongwe a ntsha mo pateng ya gagwe gore ba o tlhame.

O ne a tlhalosa fa mokgatlho o o na le komiti e tona e bile gape gangwe le gape ba kanoka le dibuka tsa bone.

A re ba dira dijeme tsa maungo di akaretsa marotse, dinamune, surinamune, murubele, ditamati le magapu, a tlatsa ka gore go dira dijeme mo, ke ene a neng a ruta setlhopha ka a ne a na le dikitso le bokgoni.

A re go dira atsha gone bangwe ba setlhopha se ba ne ba ya kwa Kanye kwa National Food Technology Research Centre (NFTRC) go ya go ithuta go le go ntsi ka go somarela merogo, mme fa ba tswa teng ba feta ba ruta ba bangwe.

O boletse fa dijo tsotlhe tse ba di dirang di tswa go kanokiwa gone kwa NFTRC mme di siametse go ka jewa. 

Fa go tla kwa go logeng dibaga, a re gone ba rutilwe ke moithuti ka bone Rre Batsile Kobedi, yo o sa iponang tsapa go tsena sekole le bomme ba kgotlana ya ga bone. Mme a tlhalosa gore bontsi jwa maloko ke balemi.

Ka dikgwetlho tsone di seke di tlhokega gope fela, o ne a tlhalosa fa mathata a ba agang ba kopana le one gantsi e le maungo a gantsi a bonalang ka dinako tsa letlhafula mme fa a fela ba patelesega go reka.

O ne a tlhalosa fa theko e se mathata ka le jaanong ba mo dipuisanong le lebenkele le legolo la Choppies gore ba le fepe ka dijeme tsa bone gore ba di rekise mo mmarakeng.

A re ka mookodi wa pula o beeletswa ntlheng tsotlhe, ba tsamaya mo motseng wa Serowe, ba tsenelela ditshupo go ya go supa tse ba di dirang, mme setshaba se ba amogela ka dipelo tse di tshweu, a tlatsa ka go supa fa ba kile ba tsenelela ditshupo tsa temo-thuo kwa Letlhakeng le kwa Serowe go ipapatsa.

Mme Bosekeng a re fa gongwe ba tsenelela dikgaisano tsa baithuti ba thuto gaegolelwe mme ba tswe fela ka maduo a a nametsang.

Le fa go ntse jalo, o boletse fa ba kgobiwa marapo thata ke ka fa puso e sa ba tseyeng tsia ka teng, a tlhalosa gore ba ne ba ka eletsa go fepa dikole ka jeme mme sebe sa phiri ke gore ba tshwanetse go ipatlela ditiro tsa teng fela jaaka dikompone tse di kgolo.

A re le bone fela jaaka balemi ba e reng ba robile gole go ntsi ba fepe dikole, ba ne ba eletsa go ka dira jalo bogolo thata sekole sa Masokola se ba tsenelang mo go sone.

 O ne a tlatsa ka gore e re le ntswa tiro ya bone e kgolo e le go ithuta, ba tlhophile letsatsi la Labone go dira ditiro tshotlhe tsa diatla di akaretsa le gone go dira dijeme.

E rile a tswa la gagwe modulasetilo wa setlhopha, Mme Galebolokane Sepela, a tlhalosa fa ba na le maikaelelo fela a mantle a go bona gore mokgatlho wa bone, bogolo thata wa kgwebo ya jeme o a tswelela.

Mme Sepela a re ba ka rata thata fa ba ka fiwa setsha gore le bone ba nne le felo kwa ba ka direlang gone.

A re gape ga ba na dipitsa tse dikgolo tse ba ka apeelang mo go tsone le ditofo, selo se a reng gape se ba ba ya ka fa mosing mme ka ba ipaakanyeditse go fenya dikgwetlho tsotlhe ba tsile go ntsha ga tshwene.

O ne a kopa thotloetso mo Batswaneng, a tlhalosa fa dinako di fetogile thuto e sa golelwe jaaka ya maloba, mme e bile go dirwa ditiro tse motho a ka itshetsang ka tsone le ba lelwapa la gagwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 06 Aug 2014