Kgosi wa Tati Siding o tshwenngwa ke borukutlhi
06 Aug 2014
Kgosi ya motse wa Tati Siding, Kgosi Simon Nkgageng o buile a sa kgwe mathe ka borukutlhi jo bo tsweletseng ka go golela pele mo motseng wa gagwe.
Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Nkgageng o tlhalositse fa bontsi jwa dikgang tse di tshwenyang mo motseng wa gagwe e le tsa bogodu jwa leruo ga mmogo le go thapiwa ga batswakwa go sa salwa tsamaiso morago.
Kgosi a re se se botlhoko le go feta ke letlhoko la dikoloi, le a supileng fa le kgoreletsa maiteko a ba sepodise a go lwantsha borukutlhi.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Kgosi Nkgageng o ne a kgala mokgwa wa bangongoregi bangwe go tsholola dikgetse morago ga go go di begela ba molao.
A re ba bosekisi ba dirisa nako e ntsi go tlhotlhomisa dikgang tse ba di amogelang, mme go tshwenya gore e re fa ditsheko di tshwanetse go tsena bangongoregi ba bo ba di tsholola kana ba tsena ka lenga la seloko.
O boletse fa seemo se se tshwenyang se, se tshwanetse sa tsibogelwa ka jaana se itsa ba molao go dira tiro ya bone ka fa tshwanelong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : TATI SIDING
Event : Potsolotso
Date : 06 Aug 2014