Lephata le tshwere dithuto
06 Aug 2014
Baeteledi pele ba tshwanelwa ke go tswa ka mananeo a a tiileng go lwantsha tshenyetso setshaba.
Fa a bua mo phuthegong ya ditlhogo tsa mafatshe a selekana tsa maphata a twantsho tshenyetso setshaba bosheng, mokwaledi mo lephateng la tsa mafatshe a sele , Rre Lapologang Lekoa o boletse gore dirukutlhi di tsaya nako e ntsi gammogo le ditsompelo go tswa ka maano a a kgatlhanong le mananeo a tshenyetso setshaba , ka jalo baeteledi pele ba tshwanetse go tswelela ka go tokafatsa mananeo a bone go lepalepana le seemo seo.
Rre Lekoa a re tshenyetso setshaba ga e kake ya kgonwa ke lefatshe lepe le nosi ka jalo go tlhokana le gore mafatshe a tshwaragane go e lwantsha.
O rotloeditse baeteledi pele ba maphata a twantsho tshenyetso setshaba go tswelela ba nonotsha tirisano mmogo ya bone gore ba kgone go thusana fa go tlhokafala.
A re lefelo la twantsho tshenyetso setshaba la mafatshe a selekano le rutuntsha babereki ba maphata ao mo dilong tse di farologaneng di akaretsa go tlhotlhomisa, go sekisa, go ruta setshaba, go lwantsha borukutlhi, go lebelela le go kanoka botsamaisi.
Mogolwane wa mafatshe a selekano, Rre Roger Korateng o boletse fa maikaelelo a CAACC ele go tokafatsa le go tiisa tirisano mmogo mo kgaolong ya selekano gammogo le go dira dipatlisiso le melao.
O tsweletse a re lefelo le ntsha baithuti ba ba ka kgonang go supa dikitso tse ba di anyileng ka go ntsha dipego gore go kgonwe go fetela kwa legatong le le latelang.
Go solofetswe gore kwa bofelong jwa thuto puisano e, batsaya karolo ba itshekatsheke mme ba tswe ka mananeo a a maleba go dirisa se ba se ithutileng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Phuthego
Date : 06 Aug 2014