Go tlhaela ga metsi go tsentse banni tsebetsebe
05 Aug 2014
Go tlhaela ga metsi kwa Shoshong go pateleditse banni bangwe ba motse oo ba ba nang le dikoloi gammogo le ba ba dirisang dikolotsana tsa ditonki go latela metsi kwa motsing wa Ikongwe fa bangwe ba simolotse go reka metsi P5 emere mo Sedibeng sa ga Rre Shaw.
Kgosi Felix Kgamane le modiri wa lekgotlana la kabo ditsha la Shoshong Mme Caroline Mokotedi gammogo le mooki wa kokelwana ya motse oo Mme Gofetamang Magapa ba boleletse ba BOPA mo potsolotsong fa ba na le sebaka sa dibeke tse pedi ba ntse ba sena metsi mo Shoshong.
Ba re letlhoko la metsi le ba tsentse tsebetsebe ka jaana ba sa kgone go tlhapa sentle e bile ba sa kgone go dirisa matlwana a boitiketso a metsi mo e bileng batho bangwe ba ba senang matlwana a boitiketso a a sa diriseng metsi ba patelesega go dirisa sekgwa mo ba bolelang fa e le go kgotlela tikologo.
Lefa seemo sa tlhaelo ya metsi se bifetse pele kwa Shoshong, megokgo ya dikole tsa metse eo jaaka sa Shoshong Senior Secondary, Mahutagane Junior Secondary le se sebotlana sa Shoshong ba tlhalositse fa ba koporase ya metsi ya Water Utilities ba isetsa dikole tsa bone metsi ka dikoloi, mme ba bolela fa mathata e le dipalo tse di kwa godimo tsa baithuti.
Kgosi Kgamane le Mme Mokotedi gammogo le Mme Magapa ba boletse fa letlhoko la metsi le kgoreletsa ditiro tsa mmuso ka jaana babereki go sena kwa ba yang teng fa ba batla go dirisa mantlwana a boitiketso e bile ba bolela fa morafe mo motseng o simolotse go utswa metsi kwa matlong a baoki ka jaana ba tsenyeditswe ditanka tsa dijojo mo matlong a bone.
Mogokgo wa sekole sa Shoshong Senior Secondary Rre George Mbeha o rile lefa ba isetswa metsi ka dikoloi sebe sa phiri sekole sa gagwe se dirisa metsi a mantsi ka jaana se na le baithuti ba le 1 200, mme mo go bone ba le 1000 e le ba ba nnang mo sekoleng.
Lefa maiteko a go ikgolaganya le ba koporase ya Water Utilities mabapi le seemo sa metsi kwa Shoshong a retetse ntateng ya gore megala ya bone e ne e sa arabiwe, Kgosi Kgamane o tlhalositse fa badiri ba koporase eo ba ba boleletse fa mathata a bakilwe ke go thubega ga diphaephe tse di nosang motse wa Shoshong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : SHOSHONG
Event : Potsolotso
Date : 05 Aug 2014