Mananeo a ogola banana mo isong
05 Aug 2014
Mananeo a nyeletso lehuma a ogotse bontsi jwa banana mo isong jaaka kwa motseng wa Gakuto mo kgaolong ya Kweneng botlhaba.
Kgang e e boletswe ke kgosi wa motse Rre Kgosi Abdul Letlamma mo puisanong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng.
Kgosi Letlamma a re maiteko a puso a go namola Batswana mo lehumeng a dule tema mo motseng oo.
O tlhalositse gore bontsi jwa banni ba Gakuto bogolo jang banana ba wetswe ke seru sa botlhoka tiro ka jalo mananeo a nyeletso lehuma e le one a ba thusang.
O boletse gore motse o akotse mananeo a tshwana la Ipeleng, Tirelo Setshaba, mananeo a banana le a mangwe.
Go ya ka Kgosi Letlamma bontsi jwa banana ba inaakantse le lenaneo la Ipelegeng selo se a reng se a tshwenya ka jaanong banana ba fetotse Ipelegeng legae la bone.
A re go ngomola pelo go bona banana ba tsere tiro e e ka bong e dirwa ke batsadi ba bone. Kgosi Letlamma a re le mororo letlhoko la ditiro le apesitse kobo ka letshoba seo ga se ree gore banana ba tseye Ipelegeng e le yone tharabololo.
O tsweletse a supa gore le fa gone ba tsere Ipelegeng ka tlhoafalo mme gone go a bonala fa ba sa ipone tsapa mo go ikwadisetseng mananeo a mangwe jaaka la banana la Youth Development Fund (YDF).
O tlhalositse fa mo nakong e e fetileng banana ba ne ba sa atlege mo lenaneong leo la banana mme jaanong seemo se fetogile banana ba akola lenaneo leo ka tshosologo.
Fa a bua ka lenaneo la Tirelo Setshaba, kgosi o supile fa lenaneo leo le tswetse banni mosola ka jaana bangwe banana ba direla setshaba mo maphateng a a farologaneng a puso mo motseng. O nankotse gore ba thusa thata ka ba dira mo mafelong a tshwana sekole se se botlana, poso, kokelwana ga mmogo le kgotla.
Mo go tse dingwe kgosi o tlhalositse fa banana ba dira maiteko ka ba dira ka bokgabane mo mananeong a ba a filweng mme a re sebe sa phiri ke go tlhoka mafelo a ba direlang mo go one. O supile fa seabe sa banana mo lenaneong leo la temo la ISPAAD se itumedisa.
Kgosi Letlamma o galaleditse puso ka maiteko a go ntsha Batswana mo lehumeng. O kopile banana go itirela ka diatla go tila letlhoko la ditiro a re se,se ka imolola puso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kamogelo Nkile
Location : MOLEPOLOLE
Event : Potsolotso
Date : 05 Aug 2014