Breaking News

Therisano ka moalo wa lefatshe e botlhokwa

05 Aug 2014

Ke tshwanelo gore fa go dirwa moalo wa motse, morafe wa motse o moalo o dirwang mo go one o  rerisiwe pele gore le bone ba nne le seabe mo ditlhabololong tseo ka e le tsa sennela ruri.

E rile a bua mo thuto-puisanong e e neng e itebagantse le go buisana ka ditsamaiso tsa lefatshe la morafe, raditogamaano tsa lefatshe a lebagane le tsa mealo mo khanseleng potlana ya Palapye, Rre Lekula Lekula a kopa borara le balebeledi ba lefatshe gammogo le morafe go nna le seabe mo mealong ya metse ya bone fa e dirwa gonne fa moalo o setse o dirilwe e bile o amogetswe ke puso ga gona sepe se se ka tlholang se sukunyediwa.

O boletse fa morero o o nna teng pele ga moalo o ka dirwa, o neela morafe sebaka sa go supa ka fa ba batlang lefatshe le ka dirisiwa ka teng, le gore ba batla go tlogelela ditlhabololo dife lefatshe fa go dirwa moalo.

O supile fa ba dira mealo ya bonno, dikgwebo, madirelo, ditsha tsa tiriso ya ditiro tsa morafe, maphata le tsa temo-thuo gammogo le mafelo a a bulegileng.

Mogolwane wa tsa go dupiwa le go potiela lefatshe go tswa Palapye, Rre Mothaka Silas ene o tlhalositse fa  go potiela lefatshe go neela ba kabo lefatshe sebaka sa go itse fa melelwane e tsamayang teng e bile go dira gore  mealo e akaretse tsotlhe tse di tlhokegang mo  mafelong a a potietsweng ao, le gone gore batho  ba kgone go nna le teseletso ya tiriso ya lefatshe 

Rre Silas o kopile borara go rotloetsa batho go kwadisa ditsha tsa bone, a bolela fa seo se  thusa mo ditsamaisong tse di lolameng tsa lefatshe le go itse gore lefatshe le le leng teng le selekanyo se se kae e bile le dirisiwa jang ke bomang gammogo le gore a le mo diatleng tsa Batswana  jaaka e le tshwanelo.

A re o tshwenngwa ke gore bontsi ja ditsha tsa bogologolo ga di ise di kwadisiwe le ditsha tse di sa tlhabololwang e bile di sena mekono , a bolela fa go baka  ketsaetsego ka gonne  ke tsone tse  go bewang fa godimo ga tsone mme go tsose medumo.

Mothusa mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha la Palapye, Rre Pius Nkau ene o boletse gore mo lekgotleng la Ngwato, motho o letlelelwa go nna le ditsha tsa bonno di le pedi fela le tshimo ya selekano sa diekere di le 16 fela mme fa ele ya temo e e tlhakaneng e ka nna diakere di le masome mabedi le botlhano.

 O tlhalositse fa lesaka lone le sa bewe mme motho a ka dirisa bophara ja 70 x 70 go le aga. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : KItso Simon

Location : PALAPYE

Event : Thuto puisanyo

Date : 05 Aug 2014