Kgosi o tshwenngwa ke dikgang tsa go inyadisa
05 Aug 2014
Ga se tshwanelo gore batho ba nne mmogo mo matlong mme ba sa nyalana gonne go tlhagoga mathata a a seng kana ka sepe fa go nna le dikgang tsa kgaogano kana loso.
Kgosi Molatedi Lebang wa kgotla ya Boikago kwa Palapye o kgadile a sa kgwe mathe dikgang tsa mofuta o, fa a buisa phuthego ya go simolola go baakanyetsa mekete ya boipuso jwa 2016.
Kgosi Lebang a re bana ba basetsana ba tshwanetse go tlogela go fudugela mo matlong a banna ba sa ba nyala ka ba rekela dilwana koo mme kwa phelelong fa mosimane a tlhokafala ba ga bone ba tsaya dilwana tsotlhe ba tlogela mosetsana a itshopere ba ikgatholosa gore ngwana wa bone o ntse a nna le yo mongwe.
O tsweletse ka gore batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana, ba mo lefifing ka jalo ba tlhokana le go tsenngwa mo leseding ka go rutwa ka botlhokwa jwa go nyalana, a tlatsa ka gore dingwaga tse nne ga di a tshwanela go feta batho ba ise ba nyalane.
Fa a kgwa kgosi kgaba, Moruti Letsweletse Olatlhile o boletse fa mogopolo o o ka thusang go itsa dikgang tsa go inyadisa e le go simolodisiwa ga mokgatlho wa ‘Re a nyalana’ kwa kgotleng ka o setse o supile maduo kwa o tsentsweng mo tirisong teng mo dikgaolong tsa lefatshe leno.
Mongwe wa bagolo ba motse, Mme Keesi Mogano o boletse fa a tshwenngwa ke boitsholo jwa banana jwa go ya kgotleng ba apere marokgwe, a re seo ke matlhabisa ditlhong e bile ga se tlotlo mo kgotleng gammogo le mo kgosing ya bone.
Morafe o ne wa tlhalosa fa o batla boipuso jwa 2016 bo nna pharologanyo le jwa dingwaga tse dingwe ka ba batla go busetsa serodumo sa ngwao e go lebegang e nyelela mme ga tlhophiwa komiti ya bagolo le ya banana tse di tlaa etelelang pele dipaakanyo tsa boipuso.
Banni ba dule ka megopolo ya gore go dirwe metshameko ya Setswana e tshwana morabaraba, diketo, meopelo le maboko gammogo le kapei ya dijo tsa Setswana ka go farologana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Priscilla Kgang
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 05 Aug 2014