Bontle bo a itirelwa
05 Aug 2014
Maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse a kgotla ya Selolwane kwa Tutume e ne ya re ka Matlhatso a tshwara maitiso a dijo tsa maitseboa ka maikaelelo a go kokoanyetsa komiti madi.
Mo puisanong le BOPA, modulasetilo wa komiti, Rre Rabasimane Selolwane o boletse fa komiti ya ditlhabololo tsa motse e le yone pinagare ya ditiro tsotlhe mo motseng jalo e tshwanelwa ke go nna le seabe se se bonalang mo mererong ya ditlhabololo tsa motse.
Le fa go ntse jalo, Rre Selolwane a re ka ba na le kgwetlho e tona mo go direng ditlhabololo mo motseng ba ne ba thulanya ditlhogo mme ba tla ka leano la go dira maitiso go kgona go kokoanyetsa komiti madi.
O boletse fa ba bone dipoelo tse di nametsang go tswa mo maitisong ao ka jaana ba kgonne go kokoanya dikete tse tharo le makgolo a le marataro a dipula.
A re maikaelelo ke go dirisa madi a go gokela motlakase mo matlong a komiti gammogo le go aga matlwana a boitiketso a a dirisang metsi mme a tlhalosa fa bontlha bongwe jwa madi ba tlaa bo dirisa go tlhabolola sekole sa bananyana se se mo tlhokomelong ya komiti.
A re ba tlhabololela matlo a gore ba tle ba a hirise ka madinyana a a botoka.
Maitiso a, a ne a tsenwe ke bangwe bagolwane ba motse ba akaretsa dikgosi le borakgwebo go tswa mo motseng oo. Mongwe wa bagwebi, Rre Edward Totego o ithaopile go gokela motlakase mo matlong a le mabedi ntle le go lopa dituelo dipe.
Kgosi Herbert Mokgethi o akgoletse komiti tiro e ntle e ba e dirang, a tlhalosa fa bontle bo itirelwa, ka jalo go se ope yo o ka tswang kgakala go tla go tlhabolola kgotla ya bone.
A re go mo maruding a banni ba kgotla eo go ikitaya ka thupana go itirela dilo tse di kgatlhisang.
O supile fa ditiro di tshwana le tse ba di dirang di rotloetsa popagano le tirisano mmogo fa gare ga morafe mme e bile go supa kgatelopele ya komiti ka e na le kgatlhego ya go tlhabolola motse. O ba gwetlhile go tswelela ba dira ka natla ba tshwaragane le banni ba motse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 05 Aug 2014