Mapodise a tshegeditse monna mabapi le polao ya motho
04 Aug 2014
Mapodise a Mahalapye a tshegeditse monna mongwe wa motse wa Bonwapitse go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le loso lwa mosadi wa dingwaga tse di masome a mane le borobabongwe yo a neng a bolawa ka go ketekwa ka mabole le go ragakwa ka ditlhako.
Mogolwane wa mapodise a e seng a seaparo, Detective Assistant Superintendent Langanani Modongo a re tiragalo e e diragetse kgwedi e e fetileng e le masome a mararo le motso kwa maitisong a dino.
A re kgotlhang e bakilwe ke moswi ka go kgalemelela mmelaelwa go nwa bojalwa ntswa e le molwetse.
Serepa sa mme yoo go bolelwa fa sele mo setsidifatsing sa kokelo ya Mahalapye go tlhatlhojwa ke dingaka fa mmelaelwa ene ale mo diatleng tsa mapodise go thusa ka ditlhotlhomiso.
E ntse e le kwa Mahalapye, mapodise a tshegeditse monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le motso go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le loso lwa monna mongwe wa kgotla ya Flowertown.
Sebui sa mapodise a pharakano, Mme Dintle Simon o bolela fa mmelaelwa a thudile moswi ka koloi gaufi le madirelo a lephata la CTO morago a tsena ka lenga la seloko, mme ka thuso ya setshaba ba kgonne go tshwara mmelaelwa ka Tshipi.
Mme Simon o boleletse ba lekalana la dikgang mo potsolotsong fa ba begetswe tiragalo eo ke batho bangwe ba ba fitlhetseng moswi a kgophaletse mo tseleng mo bosigong jwa Matlhatso.
Go sale foo, go bolelwa fa monna mongwe wa motse wa Borotsi kwa kgaolong ya Tswapong Borwa a falotse loso ka bobi jwa segokgo morago ga gore koloi ya gagwe e ralale sekgwa e sena go thunya leotwana la pele gaufi le motse wa Shakwe. Le fa koloi e senyegile, mokgweetsi o bone dikgobalo tse dipotlana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Pego ya mapodise
Date : 04 Aug 2014