Breaking News

Ntebele ke mmabontle wa ditshupo

04 Aug 2014

E ne e le semphete ke go fete kwa ntlong lehalahala ya motse wa Masunga, go sa legong go sala molora jaaka makgarejwana a ne a iteisana borathana mo kgaisanong ya mmabontle wa ditshupo tsa Bokone Botlhaba, bosheng.

Mme Ketshepeone Ntebele wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano, o ne a gapa leitlho la baatlhodi, ya nna ene lekgarejwana le le gaisitseng mme a tsaya maemo a ntlha go nna ene mohumagadi wa ditshupo.

O ne a latelwa ke Gorataone Monnayoo wa dingwaga tse di masome a mabedi, fa maemo a boraro a gapilwe ke Tamapo Gazageni wa dingwaga tse di lesome le boferabongwe.

Dikgaisanyo tseo tsa mmabontle di ne di tshwerwe kgwedi eno e rogwa, e le go tlhagolela tsela pulo semmuso ya ditshupo tsa kgaolo ya Bokone Botlhaba.

Kgaisano eo, e e neng e rotloediwa ke ba lekalana la Motor Vehicle Accident Fund e ne ya tswelela sentle ntle le mathata ape ka phadisano e e neng e le masetla gareng ga makgarejwana a le lesome le bobedi.

Fa a nankola maikaelelo a go bo ba rotloetsa dikgaisanyo tsa motlhale o, mookamedi wa lekalana la MVA Fund mo Francistown, Rre Kite Nkala a tlhalosa fa ele go leka go tsibosa batho ka botlhokwa jwa ipabalelo tseleng; e le tsela ya go leka go fokotsa dikotsi tsa tsela mo lefatsheng leno.

Rre Nkala a re maikaelelo a mangwe ke go leka go atumetsa lekalana la MVA Fund kwa metseng e le senang diofisi teng, gore le bone ba itse le gone go tlhaloganya ka mananeo a lekalana leo.

A re mo godimo ga moo, ba bo ba leka go tlhopha bangwe ba ba tla thusang lekalana leo go gasa melaetsa ka maitlamo a lone, a tlhalosa fa mofenyi a tlamega go rwala ditlhako go dira gotlhe mo a ka go kgonang go jwala molaetsa wa ipabalelo tseleng mo kgaolong e a leng mo go yone.

Rre Nkala a re mofenyi kgotsa bangwe ba ba neng ba tseneletse kgaisanyo eo mme ba na le keletso ya go thusa lekalana leo, ba ka dira jalo ka go tlhama ditlhopha mo dikoleng kgotsa tsa banana mo metseng tse di itebagantseng le dikgang tsa ipabalelo tseleng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Dikgaisano tsa mmabontle

Date : 04 Aug 2014