Kompone e tsenya letsogo mo go direleng setshaba
04 Aug 2014
E rile bosheng ba kompone ya Blasting &Excavating ba bo ba boloditse letsholo la go phepafatsa tikologo kwa kgotleng ya Letsibogo kwa Letlhakane.
Mogolwane wa kompone eo, Rre Phatsimo Molosi o boletse fa ba ne ba bona go tshwanela gore le bone ba tsenye letsogo mo go dirileng setshaba sa kgaolo e ba direlang mo go yone, ka go phepafatsa tikologo ka ba dumela gore motho o tshwanetse a nna fa go phepa gore a nne le botsogo jo bo siameng.
Rre Molosi a re moono wa bone kwa moepong ke gore ba direle mo tikologong e e phepa e e sa kgotlelesegang, ka jalo o supile fa bophepa bo tshwanetse jwa simolola kwa malwapeng ka gore tikologo e e leswe e ka baka malwetsi.
O boletse fa maikaelelo a bone ele go tswelela ba direla setshaba sa kgaolo ya Boteti, a tlhalosa gore tiro ya bone ga se go dira madi fela kwa komponeng , mme ba bone go tshwanela gore le bone ba busetse kwa setshabeng.
A re ba setse ba simolotse ka jaana fa ba thapela ditiro tse di sa batleng dikitso ba tsaya bana ba kgaolo ya Boteti, a re le fa ba le mo kgaolong ya Boteti ka tiro le bone ke bana ba kgaolo eo, ka jalo ba tshwanetse go tsenya letsogo mo go thuseng go e tlhabolola.
Rre Molosi o lebogile kgosi ya Letsibogo go bo a atlile mogopolo wa bone wa go sela matlakala le go bo a ne a sa ipona tsapa go tla go dira tiro le bone gammogo le babereki ba khansele ba le bone ba neng ba tsenya letso mo tirong eo.
Kgosi Nthuseng Keletshiretse o lebogile kompone eo go supa mowa o montle ka go tla go phepafatsa tikologo mo kgotleng ya gagwe, selo se a reng ke sesupo sa gore ba kgathala ka setshaba se ba direlang mo go sone mme a bolela fa a solofela gore ba tla dira go feta fa ba dirileng teng nako e e tlang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego
Date : 04 Aug 2014