Banni ba atla lenaneo la ASAP
05 Aug 2014
Banni ba Etsha 1 mo kgaolong potlana ya Okavango ba itumeletse lenaneo le lesha la Agricultural Service Support Projet (ASAP) le go kaiwang fa le tlaleletsa mo lenanemg la temo la ISPAAD.
Fa a buisa phuthego ka lenaneo leo, mogolwane wa balemisi, Rre Kgosiitsele Chakalisa o ne a tlhalosa fa lenaneo le, le tlaa tlhabolola lenaneo le ba ntseng ba le itse, le le fang balemi madi le dipeo, a tlhalosa fa le le tsile go tlhabolola temo fela thata.
“Maikaelelo magolo a lenaneo le ke gore balemi ba tswe mo temong ya go jela mo ganong ba tsene mo temong ya kgwebo,” Rre Chakalisa a tlhalosa.
A re lenaneo le ga le ye go fetola sepe, ka jalo balemi ba seka ba etsaetsega, ka maikaelelo a lone fela ke go tla ka dithuto tsa go oketsa thobo ya bone le go thusa balemi ka didirisiwa tsa temo; ka go reka kana ka go adima.
Rre Chakalisa o ile a tswelela ka go tlhalosa fa maikemisetso a lone gape e le go rotloetsa bomme le banana go tsena mo temong. O boletse fa lenaneo le, le na le ditirelo tse le remeletseng thata mo go tsone, di ka nna tharo, a tlatsa ka go supa fa le ya go tlhabolola bodiredi ka dikitso tse di tseneletseng.
O ne a fa sekai ka molemisi yo mongwe wa Etsha 6, o setseng a ile dithutong ka lone lenaneo leo, go ithuta ka mmu; le gore mmu o farologana jang ka temo ya dijo. A re molemisi yoo, o ile go ithuta gape gore boraditerekere ba ka tlhokomela jang diterekere tsa bone le gore ba ka tswelela ba di dirisa mo go eng morago ga temo.
Banni ba ile ba itumelela thata ntlha nngwe ya lenaneo, eleng go aga dikago tsa temo thuo mo kgaolong ya bone. Rre Chakalisa o ile a ba tlhalosetsa fa goromente a setse a ntshitse madi a a kana ka didikadike di le nne le dikete di le makgolo a mabedi tsa dipula, a a lebaganeng le go kago eo.
O boletse fa ba setse ba bone setsha, mme e bile ba kopa megopolo mo go bone gore ba batla go bona kago e e ba direla eng le gore e ka tsamaisiwa jang. Fa ba mo kgwa dikgaba, banni ba ile ba supa fa ba amogela lenaneo le thata, e bile ba itumelela gore goromente o ba gopotse mo kgaolong ya bone.
Ba ile ba supa fa ba ka rata thata fa madirelo a a madi madi a ka nna a reka thobo ya bone. Ba re se, se tlaabo se ba kgaoletse mosepele wa go ya kwa Botswana Agricultural Marketing Board kwa Maun. Bangwe ba ile ba supa fa bone ba batla gore madirelo a a rekise dipeo tsotlhe le menontshane, le melemo ya leruo le mohero.
Fa a fa malebo, modulasetilo wa komiti a re ene o ka rata thata fa ka bona tsamaiso ya madirelo e kopanetswe ke goromente le b aba ikemetseng ka nosi, ka gore bobedi jo bo ka arogana megopolo. A re ba itumela thata go bona bodiredi jwa puso bo tsamaya le metse ya bone go kopa dikakanyo le meono ya Batswana. ENDS
Source : BOPA
Author : Mercy Sauzoo
Location : ETSHA
Event : Phuthego
Date : 05 Aug 2014