Breaking News

Temo thuo ke yone tsela ya itshetso

04 Aug 2014

Batswana ba kopilwe go tsena mo temo thuong ka mashetla ka ke yone tsela e ba ka itshetsang ka yone e bile gape e supa ngwao ya bone.

Mo pulong ya ditshupo tsa temo thuo tsa kgaolo ya Mahalapye bosheng, Rre Elvidge Mhlauli o kgothaditse  Batswana go supa ditswa temong tsa bone, segolo jang ka ba sa tswa go bona thobo e e nametsang monongwaga.

A re kgomo le temo ke tsone botshelo jwa Motswana ka e le tsone di ba pepetleditseng go fitlha fa ba teng. Rre Mhlauli a re go a tshwenya gore Batswana ba bo ba ntse meriti e tsididi mabapi le kgang tsa temo gonne go ya ka tshekatsheko ya ba balemisi mo kgaolong ya Mahalapye, go supagetse fa balemi ba sa fete sekete.

O tsweletse a tlhalosa gore puso e dira go tlala ka diatla go rotloetsa Batswana mo temo thuong, ke ka moo e ntshitseng mananeo a tshwana le a ISPAAD go go ba isa golo gongwe.

O boletse gore go ya ka ba lephata la temo la kgaolo eo, bontsi jwa balemi ba lemile dijwalo tse di botshelo bokhutshwane jaaka magapu le ntshe, tse a bolelang fa ele tsa go jela mo ganong fela,  selo se a reng se dira gore lefatshe leno le tswelele ka go reka dijo kwa mafatsheng a sele, jalo a ba kopa gore ba leme dijo tse di botshelo boleele.

Fa a abela komiti ya ditshupo P20 000, Rre Mhlauli o boletse fa go aba e le motheo le molao wa setho, mme e bile a supa tebogo mo morafeng o mo godisitsweng. O ba solofeditse gape go aga lesaka la sennela ruri le le tla lopang P20 000.

Go ya ka molemisi, Rre Kabo Bowe bontsi jwa disupiwa di  ne di se mo maemong a a itumedisang gonne  mabele mangwe a robilwe pele ga nako, mangwe a tsere lebaka a sa robiwe, ka jalo a kopa balemi go dira tiro ka fa tshwanelong. Rre Bowe le ene o rotloeditse Batswana go tsenelela ditshupo go kgona go amogana maele le ba bangwe gammogo le go ipapatsa.

 Fa a ntsha pego ya paakanyetso ya ditshupo, modulasetilo wa komiti, Rre Tsholofelo Nthaga o tlhalositse fa ditshupo di ne di tseneletswe ke banni ba metse e le masome mabedi le boraro ya kgaolo ya Mahalapye le Shoshong.

Rre Nthaga o tlhalositse gore komiti e ne e tshwaraganya  ka bonyennyane jo ba neng ba na le jone, ka jalo a kopa dithuso go tswa mo makalaneng a ikemetseng ka nosi go tsweledisa ditshupo tsa kgaolo ka e le go supa le go ipelela botshelo jwa Setswana.

O boletse fa maikaelelo a bone mono ngwaga e le go aga ntlo lehalahala go e dirisa go direla komiti madi, go gokela lebala motlakase gammogo le go tsenya terata mo masakeng go na le go dirisa mapako a e reng ditshupo di fela bangwe ba a gopele.

Mopalamente wa kgaolo, Rre Bernard Bolele o kopile gore komiti e boelele gape go tsweledisa go baakanyetsa ditshupo tsa ngwaga o o tlang, bogolo jang ka ba amane le Rre Mhlauli go ka ba thusa mme a lebogela dimpho tsa gagwe fela thata. ENDS

Source : BOPA

Author : Lesedi Chikumbudzi

Location : MAHALAPYE

Event : Pulo Ditshupo

Date : 04 Aug 2014