Breaking News

Banni ba dumalana le molawana wa kabo ditsha

05 Aug 2014

Banni ba Mowana mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba atlile molawana wa makgotla a kabo ditsha wa gore ditsha tse di sa tlhabololwang mo sebakeng se se rileng di gapiwe go ka abiwa sesha.

Mo phuthegong e e neng e buisiwa ke ba lekgotla la kabo ditsha la Tati kwa motseng oo bosheng, banni ba supile fa go le botlhokwa gore molawana oo o diragadiwe go itsa go tlhagoga ga matlotla mo gare ga motse.

Modiri wa lekgotla la kabo ditsha la Tati, Rre Moagi Dipholo o tlhalositse fa go na le sebaka se ba se beelang moikopedi go tlhabolola setsha sa gagwe, mme a ba kgothatsa go diragatsa se se tlhokwang ke molao morago ga go abelwa ditsha.

Monni mongwe, Rre Richard Monthe o boletse fa ba tshwentswe thata ke ditsha tse di sa tlhabololweng mo motseng oo, a bolela fa se  se dirwa ke gore bontsi jwa baikopedi ba kopa ditsha ba sena maikaelelo a go di dirisa, ka jalo ba a di ikgatholosa morago ga go di abelwa mme fa gongwe ba di rekise.

O tlhalositse fa molao o tlhamaletse fela sentle ka o kaya fa moikopedi a fiwa sebaka sa dingwaga tse tlhano go tlhabolola setsha sa bonno, fa sa kgwebo e le ngwaga mme sa tshimo e le dingwaga tse tharo. Le fa go ntse jalo, o boletse fa mo nakong eno go nale ditsha tse di nang le dingwaga ngwaga di sa twe sepe gotlhelele, seemo se a kaileng se tshwenya fela thata.

Rre Monthe o tsweletse a tlhalosa fa ba lekgotla la kabo ditsha la Tati ba supile fa ba na le kgwetlho e tona ya tlhaelo ya lefatshe, ka jalo go tsaya ditsha tse di sa tlhabololwang mo nakong e e beilweng, go ka ba thusa go fokotsa palo ya baikopedi ba ba santseng ba letile go bewa ditsha.

Fa a tswa la gagwe, monni mongwe wa motse oo, Rre Oagile Mokowe o kgadile mokgwa wa batsadi bangwe wa go gatelela bana ba bone go ikopela ditsha le ntswa bone ba sena keletso ya go dira jalo. A re se, ke sone se se bakang gore go nne le ditsha tse dintsi tse di phuagantsweng di sa tlhabololwa mo motseng.

Monni yo mongwe, Rre Prince Aaron ene o kaile fa go supagala fa ba kabo ditsha ba sa diragatse molawana oo ka tlhoafalo, gonne  fa ba ka bo ba dira jalo go ka bo go sena matlotla mo lefatsheng leno.

Rre Isaiah Muzila o kopile tirisanyo mmogo fa gare ga bogosi le balebedi ba lefatshe, a supa fa balebedi ba lefatshe bone ba baya monwana fela mo dikopong tsa baikopedi, ntswa ba sa dira ditshekatsheko tsa gore a mme moikopedi o na le maikaelelo a go aga mo motseng.

O supile fa ba tshwanetse go dirisanya mmogo le ba bogosi ka kgosi e le ene a ka rurifatsang gore moikopedi ke monni wa motse oo ka gonne ba lemogile fa bontsi jwa banana ba tla le ditsala tsa bone go tswa mo mafelong a a farologaneng go tla go ikopela ditsha mo motseng oo.

Le fa go ntse jalo, o gateletse botlhokwa jwa gore molawana oo o salwe morago ka botlalo. ENDS

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : MOWANA

Event : Phuthego

Date : 05 Aug 2014