Setlalekgosi o tla emela BDP kwa Mookane
05 Aug 2014
Rre Thebe Setlalekgosi yo a neng a seegelwa kwa thoko mo ditlhophong tsa peo letlhokwa tsa phathi ya BDP kwa kgaolwaneng ya bokhanselara ya Mookane, jaanong o tla emela phathi mo ditlhophong tse di tlang tsa setshaba.
Se se diragetse morago ga gore Rre Setlhalekgosi a tlhophiwe ke batho bale 403 mo ditlhophong tsa poeletso tse di neng di tshwaretswe kwa Mookane ka Matlhatso go kaba phatlha ya ga Rre Goitsemodimo Kamboy yo a neng a tlhokafalela kgwedi e fetileng.
Mo ditlhophong tseo, tse di neng di tshwaretswe mo sekoleng se sebotlana sa Mookane, Rre Setlalekgosi o tlhophilwe ke batho bale 403 fa Mme Magdaline Dihale a tlhophilwe ke batho bale 75.
Mme Dihale o boletse morago ga maduo a ditlhopho tseo gore le fa batho ba sa tlhopha ka dipalo tse dintsi o amogela maduo a ditlhopho tseo ka jaana gone go sena tsietso.
A re le fa a latlhegetswe o ikemiseditse go tswelela a direla phathi ya Domkrag ka botswapelo le go ema nokeng Rre Setlalekgosi mo ipapaletsong ditlhopho tse di tlang tsa setshaba gore phathi ya BDP e kgone go gapa kgaolwana ya Mookane mo phathing ya Botswana National Front, e neng ya gapa kgaolwana eo mo ditlhophong tsa setshaba tsa 2009.
Rre Mmoledi Ntlhobelang, yo a neng a tlhatlhama Rre Kamboy mo ditlhophong tse di fetileng tsa peo letlhokwa, ene o ne a seka a kgona go emela ditlhopho tsa poeletso ntateng ya go seegelwa kwa thoko ke khuduthamaga ya phathi ya BDP ka mabaka a a sa bolelwang.
Rre Ntlhobelang o boletse mo potsolotsong gore le fa a seegetswe kwa thoko e bile asa fiwa mabaka kana tlhaloso e e nitameng, o tla tswelela a direla phathi le go thusana le Rre Setlalekgosi go gapa kgaolwana eo mo ditlhophong tse di tlang.
A re o tshwenngwa ke gore o kgoreleditswe go emela ditlhopho tsa poeletso ntswa Rre Setlalekgosi yo a neng a seegetswe kwa thoko mo ditlhophong tse di fetileng ene a kgonne go letlelelwe go emala ditlhopho tsa gompieno ntleng le mabaka ape a ba beilweng pele ele maloko a phathi.
E rile mokwaledi wa phathi ya BDP kwa kgaolwaneng ya botlhophi ya Mochudi Bophirima Rre Dan Molokwe, yo e bileng ene ele motsamaisa ditlhopho tseo atswa la gagwe, a lebogela maloko a phathi ya BDP ba kgaolwana ya Mookane go itshwara ka tsela e e itumedisang le go dirisana le batlhophisi sentle.
O akgoletse Mme Dihale go amogela maduo le go ikemisetsa go dirisana le Rre Setlalekgosi mo ipapaletsong ditlhopho a bolela fa seo se supa lerato mo phathing le boineelo, mme a kopa balatedi ba Domkrag go dirisana mmogo go ipaakanyetsa go gapa kgaolwana ya Mookane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Ditlhopho tsa poeletso
Date : 05 Aug 2014