Breaking News

Ditshupo di kopanya bagwebi

04 Aug 2014

Mookamedi wa Zambezi Group of Companies, Rre Ishmael Nshakashogwe a re ditshupo di botlhokwa thata, ka jalo di tlhoka go tsewa tsia le go solwa molemo.

Fa a bula semmuso ditshupo tsa kgaolo ya Bokone Botlhaba kgwedi eno e le malatsi a mabedi, Rre Nshakashogwe o boletse fa ditshupo di fa bagwebi le bana le seabe sebaka sa go supa dithoto tsa bone, a tlatsa ka go tlhalosa fa seo gape e le tsela ya go ba thusa go lemoga seabe sa bone mo go nonontsheng itsholelo ya lefatshe leno.

Mogwebi yoo a re ditshupo di fa bagwebi le bareki sebaka sa go kopana mmogo le go rotloetsa mowa wa botsalano gareng ga bone, mme a re ka jalo seo se thuse bagwebi go itse se bareki ba se tlhokang le se ba sa se kgotsofalelang.

Rre Nshakashogwe a re setlhogo sa ditshupo tseo se se reng ‘Tlhabololo ya Temo-thuo le madirelo, pinagare ya boipelego le kabakanyo ya itsholelo,’se maleba ka se tla thusa go oketsa maikaelelo a a itebagantseng le ditlhabololo tsa lefatshe leno, a a akaretsang tebelopele ya 2016 le go kabakanya itsholelo.

O tsweletse a tlhalosa fa nako e gorogile ya gore beng ba dikgwebo ba sekaseke mme ba fetole ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng, go tsamaelana le dinako tsa gompieno, gore ba kgone go phadisanya le ba bangwe mo gae le kwa mafatsheng a sele.

A re go tlhabolola ka fa go ntseng go dirwa ka teng, dikgwebo le makalana a puso di tshwanetse tsa sekaseka ka fa di ntshang ditirelo ka teng mme tsa dira mo go tshwanetseng go thusa dikgwebo go gatela pele.

Mo go tse dingwe, Rre Nshakashogwe o ne a kopa batho go dira maiteko otlhe a go leka go kabakanya itsholele ka go inaakanya le mehama e tshwana le ya temo-thuo le go sola molemo ditsa tlholego tse di mo tikologong, go na le gore go ikanngwe diteemane fela.

A re e re ka jaana dipula tse di boutsana le go fetoga ga loapi e le kgwetlho nngwe e batho ba kopanang le yone, fela balemi ba tshwanetse ba tswa ka methale e e farologaneng e e ka thusang go lepalepana le seemo seo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Pulo Semmuso

Date : 04 Aug 2014