Batlokwa ba itlhokoletsa letsatsi la ngwao
04 Aug 2014
Go bolelwa fa letsatsi la ngwao la Batlokwa le tla a tshwarwa kgwedi eno e le lesome le borataro kwa Tlokweng, kwa go supagalang dithulaganyo tsa lone di tsweletse sentle.
E rile a amogela Batlokwa kwa phuthegong ya kgotla ka Matlhatso, Phatwe a tlhola malatsi a le mabedi, Kgosi Puso, a tlhalosa fa ka letsatsi leo a solofela fa Batlokwa ba tla a apara mesese ya mateitsi a matala le a marokwa, mme ba tsise bojalwa ba bo rwele ka dinkgwana kana emere e tshweu, ba tshotse le diphafana, dilo tse di neng di dirisiwa maloba jale.
Kgosi o tlhalositse gape fa borre le bone ba ka sega dibaki tsa mateitsi kana ba apara marokgwe a matlalo fa ba na le one.
Modulasetilo wa Batlokwa Development Trust, Rre Elija Katse, o ne a tlhalosa fa go tla nna le maitiso a moopelo kgwedi eno e robabongwe, e le tsela nngwe ya go itlhokoletsa letsatsi le. Rre Katse o tlhalositse fa bagolo ba tla tsena P10 bana ba tla a tsena P5 kwa kgorong.
O boletse gape fa go tla nna le dijo tsa maitseboa kgwedi eno e le lesome le botlhano kwa ntlolehalahala ya kereke ya Roma, mme thekethe e tla rekwa P200. A re go tla nna le dikhwaere di le nne fela ka letsatsi la ngwao, le dikoma tsa bomme le borre, mme dikhwaere di tla refosana ngwaga le ngwaga.
Modulasetilo Rre Katse o boletse fa go tlaabo go na le disupiwa tsa batho ba ba rokang mateitse le matlalo, bao ba ba betlang didirisiwa tsa setso jaaka ditilo, mme o kopile Batlokwa botlhe ba ba dirang ditiro tseo go ikwadisa, a supa fa e le tsela nngwe ya go bapatsa dikgwebo tsa bone.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Puso Gaborone o boletse fa ba ikaelela go fetola lewa ngwaga e e tlang, a supa fa e tla a re ba sena go bolotsa letsema ba emise manyalo gore Batswana ba itebaganye le temo, a bo a tlhalosa fa ba ikaelela go tlhomamisa manyalo otlhe kwa kgotleng, gore ba tsosolose boleng jwa one.
Kgosi Puso o tlhalositse gape fa ba sekaseka kgang ya go rupisa le go dira mephato, a bo a bolela fa ba batla le gone go kwala ditso tsa Batlokwa.
O boletse fa a ikaelela go simolola buka ya go kwadisa boswa, a supa fa dikgang tsa go ikgagapela boswa di ba tshwenya thata kwa kgotleng, a bo a supa fa se, se tla dira gore go nne le tsamaiso e tsepameng mme se ba tlhofofaletse tiro.
E re dikgang di eme jalo, kgosi o kopile botlhe ba ba tshotsweng ka ngwaga wa 1966 go ikwadisa kwa diofising tsa ga molaodi, gore ba tle ba nne batsaya karolo mo go baakanyetseng Boipuso jwa ngwaga wa 2016, fa lefatshe leno le tla a bo le ipelela ngwaga tse di masome a matlhano le ntse le ipusa.
Gone kwa phuthegong eo, ba komiti ya VDC ya Tlokwa South kwa kgotleng ya Botshabelo, ba ne ba abela kgosikgolo mpho ya setilo se se betlilweng le futshe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : TLOKWENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 04 Aug 2014