Breaking News

Mapodise a batla dirukutlhi kwa Mahalpaye

03 Aug 2014

Mapodise a Mahalapye a mo patlong ya banna bangwe ba e rileng bosheng ba tlhasela Rre Gaorutwe Lesetedi le mohumagadi wa gagwe kwa lelwapeng la bone bosigo.

Mme Lesetedi o boleletse ba lekalana la dikgang la BOPA mo potsolotsong gore banna bao, ba ba neng ba le bararo ka palo, ba ne ba ba emetse mo kgorwaneng ya jarata bosigo fa ba ne ba tswa kwa madirelong a bone.

A re e rile ba emisa koloi mo kgorwaneng ke fa mongwe wa magotswana ao a leka go bula lebati le le ka fa mokgweetsing, fa yo mongwe a bula le a neng a le ka fa go lone, mme ba kgona go tsaya kgetsana ya madi a a fetang dikete tse tharo tsa pula.

A re dirukutlhi tseo, tse di sa ntseng di tsene ka lenga la seloko, di dirisitse sengwe se se bogale go tlhaba monna wa gagwe ka fa tlase ga lengole, mme a bolela fa a  sidilega ka bonya kwa lwapeng.

E re dikgang di eme jalo, kgosana ya Otse kwa kgaolong ya Shoshong, Rre Boithamako Keipone, o boletse mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Botlhaba, Mmaetsho Botlogile Tshireletso fa ba tlhokisiwa boroko ke banana ba ba tsweletseng ka go betsa batho masigo, go betelela, go kgothosa batho dithoto tsa bone le go utswa leruo.

E rile mogolwane wa mapodise a Sojwe, Assistant Superintendent Jones Katholo a tsibogela mafoko a ga kgosi, a bolela fa ba itse ka borukutlhi jwa motse oo, e bile a bolela fa ba setse ba isitse mapodise a le mararo kwa Otse le mapodise a Special Constable ba le babedi go lwantsha seemo seo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Atang Mothalabi

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 03 Aug 2014