Modimo ke makgonatsotlhe
03 Aug 2014
Banyalani ba gakolotswe go tshepha le go ikanya mo Modimong ga mmogo le go sala lefoko la gagwe morago ka nako tsotlhe ka e le lone makgonatsotlhe le tharabololo mo diemong tsotlhe tse ba kopanang le tsone mo manyalong a bone.
Fa a gakolola banyalani mo thuto –puisanong e e neng e itebagantse le manyalo a a thubegang mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, moruti wa kereke ya Assemblies of God kwa Tsabong, Rre Driver Lebotse o tlhalositse fa maikaelelo a letsatsi leo e le go araba selelo sa ba ofisi ya ga molaodi jaaka e ne ya kua mokgosi mo baruting go thusana le go tshwaragana le bone mo go ageng sesha malwapa a a reketlang le go thubega mo kgaolong eo.
E rile a tlhalosa setlhogo sa letsatsi leo se se neng se re, “Lenyalo la boammaaruri ke lefe”, a supa fa lenyalo le simolotswe ke Modimo, ka jalo le tshwanetse go tlotlwa, go fiwa lorato le go tshwarwa ka matsetseleko ka nako tsotlhe. A kaile fa monna a tshwanetse go fa mosadi wa gagwe lorato ka nako tsotlhe le gore mosadi ene a nne le boineelo mo monneng wa gagwe.
A re go mo maruding a banyalani gore ba tsaya tsela e e siameng ya go agela malwapa a bone mo seatleng sa Modimo ka go tlhoka go kgotlela manyalo le go letlelela mmaba saatane go a kgaoganya.
O kaile fa lelwapa le le nang le kagiso le ka godisa bana ba ba nang le boikarabelo go tlotla le go boifa Modimo, le gone go thusa mo go ageng batsadi ba ba nang le tebelopele, a tlatsa ka go rotloetsa banyalani go kopa dikgakololo mo baruting ka seo se ka thusa mo kagong ya malwapa pele ga a ka tlhoka kutlwisisano.
Mothusa molaodi, Mme Peggy Kutlase o akgoletse ba kereke ya Assemblies of God go bo ba tsibogetse mokgosi wa dikgang tsa malwapa a a reketlang le go thubega mo kgaolong eo. O tlhaloseditse batsena thuto puisano eo ka molao wa banyalani wa tlhakanelo dithoto.
Mothusa molaodi o tsweletse a supa fa ba tshwenngwa ke manyalo mangwe a ba a nyadisang go le boitumelo mme e re morago a simolole go tlhakatlhakana a bo a felele a thubegile jalo go tsale kutlobotlhoko le bohutsana.
Mme Kutlase o boletse fa seo se swabisa e bile se tlhabisa ditlhong ka se kaya fa banyalani ba fetogetse maikano a bone a gore ba tlaa kgaoganngwa ke loso.
A re mabaka a a thubang malwapa a akaretsa go lwela dithoto, go nne go lemosegile fa bangwe banyalani ba tsena mo manyalong ka go tla go ikgagapelela dithoto mme lerato le seo gotlhelele.
O tsweletse a re dikgwetlho tse dingwe di akaretsa go loba ngwana, tlhakanelo dikobo e e sa dumalanwang, seemo sa mogare wa HIV/AIDS, matlhapa, letso, batsadi ba ba tsenelelang mo manyalong a bana ba bone le go tlhoka therisano.
O boletse gore fa godimo ga dilo tsotlhe bana ke bone ba amegang thata mo go thubegeng ga malwapa ka ba felela ba sa tlhokomelwe, maduo a bone a wela tlase mo dithutong fa bangwe ba felela ba tsena mo ditirong tsa botlhoka tsebe.
Mothusa molaodi o tlhalositse fa gantsi banyalani morago ga go kgoberega ga malwapa, ba felela ba ikgaogantse mo go seng ka fa molaong, a kaya fa go dira jalo go sa siama ka go felela go fa yo mongwe sebaka sa go senya dithoto tse ba di bapetseng mmogo.
O gakolotse banyalani go tlhoka go boela maikano a bone a lonyalo morago ka seo se ka thusa thata mo go fokotseng dipalo tsa go kgaogana ga banyalani tse di ileng magoletsa mo lefatsheng leno.
Mme Mphoemang Modisaemang go tswa kwa ofising ya boipelego ene o supile fa go thubega ga malwapa e le matlhotlhapelo mo baneng ka ba felela ba tshelela mo kutlo botlhokong le gone go amega mo tlhakanelo dikobong ya bana ba ba dingwaga di kwa tlase gammogo le petelelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Thuto-Puisano
Date : 03 Aug 2014