Breaking News

Talente e ka namola lehuma

03 Aug 2014

Rre Osenotse Kgadedi yo o dingwaga di masome a mabedi le bone, ke monana wa Bobonong yo o dumelang fa a tshotswe ka bodiragatsi e bile a bolela fa talente e ka tshetsa motho ya ba ya mo namola mo lehumeng.

Rre Kgadedi a re o sale a simolola go diragatsa mo motshamekong wa drama a santse a le kwa sekoleng se sebotlana.

A re morago ga go fetsa dithuto tsa mophato wa botlhano, o ne a lemoga fa talente ya gagwe ya bodiragatsi e ka mo tshetsa mme ya re ka 2010 a dira setlhopha sa bodiragatsi se bidiwa B-PORT, se a neng a nna moeteledipele wa sone.

A re go le gantsi setlhopha sa B-PORT se ne se kgona go kgobokanya madi a mantsi ka se ne se lalediwa ke maphata a puso le mekgatlho e mengwe ya motse ka go farologana go tla go gasa molaetsa ka motshameko le go natefisa letsatsi.

O tsweletse a re ka setlhopha se ne se sa dira sentle mo dikgaisanong tsa malatsi a ga Tautona,  ba ne ba patelesega go kopana le bommantswitswidi ba motshameko wa drama ka 2013 mme ba fetola setlhopha leina go se bitsa Bokamoso Practitioners Theatre Group.

Rre Kgadedi, yo e leng modulasetilo wa setlhopha  o tlhalositse fa se dira sentle fela thata gonne e rile bosheng  sa lalediwa ke ba District Health Management Team ba Bobonong go tsamaya le dikgaolo tsa Bobirwa go gasa molaetsa ka bomosola jwa go rupa ga borre.

O kgothaditse banana go dirisa ditalente tsa bone ka puso e phutholotse letsogo ka go dira mananeo gammogo le go neela banana madi go ka tla ka methale  e ba ka inamolang lehuma ka yone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moses Moleboge

Location : BOBONONG

Event : Polelo

Date : 03 Aug 2014