Balebeledi ba kopiwa go rarabolola dikgang tsa lefatshe
03 Aug 2014
Batshwara marapo le batsaya karolo mo kabong ya lefatshe ba kopilwe go tswa ka tharabololo e e ka fokotsang dikgang tse di apesitseng makgotla a kabo ditsha a lefatshe leno, tse di reng ba dira dilo ka tshokamo.
E rile a bula bokopano jwa balebeledi ba ditsha, dikgosi le dikgosana, mo boemong jwa modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la gaMmangwato, jo bo neng bo tshwaretswe mo Palapye, Rre Thema Sekunyane a supa fa maikaelelo e le go itshekatsheka morago ga gore ba nne le bokopano jo ka 2012 jo bo neng jwa ntsha maduo.
A re kgangkgolo ke go tla go bua ka tsamaiso le dikgang tsa lefatshe, segolo jang go lebeletswe kgolo le koketsego ya dipalo tsa batho mo mafelong a a setseng a tsamaela go nna ditoropo, jaaka Palapye.
Rre Sekunyane, yo e leng leloko la lekgotla la kabo ditsha la gaMmangwato le letona, o ne a supa fa kgolo kana koketsego ya batho e supa fa lefatshe le lone le tlhokega thata; seo se bo se raya gore bonno, masimo, ditsela le mafudiso di ya go amega thata.
A re mo kgannyeng e ya lefatshe, go raya gore bonno bo ya go tsaya masimo, masimo a bo a tsaya mafudiso, mafudiso a bo a golela kwa mafelong a diphologolo. Le fa go ntse jalo, a re jaanong e ke yone nako ya gore balebeledi, e bile e le badisa ba lefatshe, ba tswe ka methale e go ka tsamaisiwang lefatshe ka yone.
Rre Sekunyane a re go sa ntse go na le dikgang tse di tshwenyeng tsa batho ba ba dipelo ditshetlha ba ba ikabelang lefatshe ka go kgona le go rata. A re seo se tlhoka go bewa leitlho le le ntshontsho la borara le balebeledi ba lefatshe, go tila diemo tsa go tshwana le tse.
E re dikgang di eme jalo, Rre Sekunyane o ne a bolela fa tekeletso e e dirwang kwa Extansion 11 ya go tsenya ditlamelo le paakanyo ya mealo, e e yang go supa fa ditsela, motlakase le metsi di yang go feta teng, e tsweletse mo ditsheng di le 3 000.
O ne a rotloetsa Batswana go tlhabolola ditsha tse ba di abetsweng , mme a supa fa kwa metseng ya Manaledi le Goosekgweng ba simolotse go sega ditsha, fa mo Palapye ba itebagantse le go thiba diphatlha tse di fa gare ga motse.
O ile gape a bua a sa kgwe mathe ka batho ba ba itlhokomolositseng go duela lekgotla la kabo ditsha madi a ditirelo, a tlhalosa fa madi ao e le one a lekgotla le ikaegileng ka one mo ditirong le tlhokomelo merero ya lefatshe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Pulo Semmuso
Date : 03 Aug 2014