Breaking News

Mananeo a ka tshetsa bomme

03 Aug 2014

Bomme ba kgothaditswe go ema ka dinao, ka go inaakanya le mananeo a nyeletso lehuma ka seo se ka thusa thata mo go tokafatseng matshelo a bone.

Kgothatso e, e ntshitswe ke Mme Lenah Baitirile, mogolwane go tswa mo lephateng la bong, kwa Maubelo, mo dithuto-puisanong tse di neng di rulagantswe ke ba komiti ya DMSAC bosheng.

Mme Baitirile o ne a gakolola a ba a kgothatsa bomme go inaakanya le mananeo a nyeletso lehuma le go ipopa ditlhophana go tsena mo dikgwebong tse di farologaneng, a tlatsa ka gore le mo lephateng la bong (Gender Affairs) ba ka kgona go itshimololela dikgwebo tse ka tsone ba ka  intshang  mo lehumeng la nta ya tlhogo ka tsone.

O ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba tshwaragane le ba ofisi ya boipelego mo khanseleng ya Kgalagadi, ba e leng bone ba dirang ditshekatsheko tse di tseneneletseng go tlhopha ba ba tlhokang thata. Mme Baitirile o ne gape a tsibosa le go rotloetsa bomme go ya go ikuela ka kgokgontso e ba e itemogelang gantsi mo malwapeng a bone, e dirwa ke borre ba ba tshelang nabo.

O supile fa go na le molao o o itebagantseng le kgokgotso e e amang setshaba ka kakaretso, o o neng wa dumelanwa ka ngwaga wa 2008, a kaya fa mokgokgontsi a tshwanetse go lebisiwa molato le go tseelwa dikgato tse di gagametseng morago ga tshekatsheko ya kgang eo.

O ne a gakolola bomme go ela tlhoko mafoko a ba buisanang ka one le borre le bana mo lwapeng, a kaya fa gantsi go tlhoka go tlhopha mafoko fa batho ba buisana go ka tsala tlhoka kutlwisisano e e ka felelang e baka dintwa.

 O boletse fa botho le maitseo di ka bopa lelwapa le go renang kagiso. Fa a bolela maikaelelo a dithuto-puisano tseo,  modulasetilo wa komiti ya DMSAC o kaile fa maikaelelo e ne e le go rutuntsha bomme ka tse di ba amang mabapi le dikgwetlho tsa botshelo tse ba kopanang le tsone mo malwapeng di akaretsa; tsa botsogo, itsholelo le tse dingwe.

O supile fa dithuto-puisano tseo di tla thusa le gone go abelana maele a botshelo, go buisana ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone le go tswa ka ditharabololo tsa tsone.

Rre Gakebatshepe Tumelo, mooki go tswa mo sepateleng sa Tsabong, o ne a ruta le go tsibosa batsena dithuto-dipuisano tseo ka mefuta ya malwetsi a a tsenang ka tlhakanelo dikobo, dikai le kalafi ya one.

O supile fa gantsi malwetse a a tshabelela go tsena thata bomme le bana ba basetsana. O ne a gakolola gape bomme go ya go itlhatlhobela kankere ya molomo wa popelo ngwaga le ngwaga, ka gantsi dikai tsa yone di sa itshupe pele ga e kekela.

Mooki go tswa sepateleng sa Tsabong o ne a tswelela ka go rotloetsa bomme go nna le dipuisano ka nako ya tlhakanelo dikobo le gone go dirisa sekausu ka dinako tsotlhe go thibela go tsenwa ke malwetsi ao.

Rre ltumeleng Molaakgosi, mogolwane go tswa kwa Tebelopele, ene o ne a kgothatsa bomme go ya go itlhatlhobela mogare wa HIV /AIDS  le bakapelo ba bone ka seo se ka ba thusa go tsaya ditshwetso tse di maleba  ba le mmogo mabapi le tsa botsogo jwa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MAUBELO

Event : Thuto-Puisano

Date : 03 Aug 2014