Breaking News

Pina ya setshaba e tshwanetse go tlotlwa

31 Jul 2014

Mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng Bophirima, Rre Ngaka Ngaka o kopile gore pina ya setshaba e tlotlwe ka e na le bokao jo bo rileng ka lefatshe leno.

Mopalamente Ngaka o ne a dira kopo e mo phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa Tshwaane mo kgaolong ya gagwe ya botlhophi, fa a ne a etetse kgaolo eo bosheng.

O ne a buisiwa se ka a ne a lemogile gore batho bangwe ba opela pina e ka go latlhelela le go tlhoka kelelelo mo diphuthegong tsa kgotla.    

A re pina ya setshaba e tshotse go le gontsi mo go rayang lefatshe leno mmogo le beng ba lone, mme e tshwanetse ya tsewa ka tlhoafalo, ya opelwa ka matsetseleko go tsentswe marapo mo dinameng ke mongwe le mongwe go supa boleng jwa yone.

Mopalamente Ngaka a re ke matshwanedi gore Motswana mongwe le mongwe mo lefatsheng leno a itse ka fa pina ya setshaba e opelwang ka teng, le go e fa tlotlo.

A re lefatshe leno le sa ntse le iketlile e bile le sa ntse le akola thokgamo, le ipela ka di tsa lone; fela seo se tshwanetse sa bontshiwa ke boipelo jo go opelwang pina ya setshaba ka jone mmogo le ka fa go bitswang mafoko a yone ka tlhoafalo ka teng.

Rre Ngaka o ne gape a itsise batsena phuthego eo fa e le tshwanelo ya bone e le baeteledipele go nna ba tsaya maeto go etela morafe kwa metseng go utlwa matshwenyego a morafe ka dinako tsotlhe, seo e le gone go diragatsa se letshego la puso ya batho ka batho le se kayang.

A re seo se maleba ka gape se rotloetsa le yone therisanyo le tshwaragano magareng ga morafe le boeteledipele, a tlatsa ka go supa fa le one morafe o na le tshwanelo ya gore o bue letlhoko la one nako le nako mme e bile ba reediwe ka botlalo.

O boletse fa ba tshwanetse go reediwa e le setshaba mo dikopong tsa bone; madi a le teng kana a seyo; itsholelo e phophoma le fa e phutlhame, mme ba bo ba arabiwe go ya kafa seemo se ntseng ka teng.

Fa ba tswa la bone, banni ba Tshwaane ba ne ba dumelana le mopalamente wa bone ka bongwefela jwa pelo ba kaya fa se a se buang e le nnete mme e bile go le maleba gore ba tlotle pina ya setshaba.

Fela ba ne ba lela ka go tlhoka go etelwa ke bodiredi jwa puso mo motseng wa bone ba bolela fa ba nna ba bona bodiredi fela ka dinako tsa fa go tla mongwe wa bagolwane, ba bolela fa kgang eo e ba ngongorisa ka motse wa bone o saletse morago mo ditlhabololong mme gongwe se se bakwa segolo bogolo ke go itlhokomolosiwa ke bodiredi jo e leng jone bokaedi jwa bone.

Fa a tsiboga, mopalamente Ngaka o ne a re le ene o tshwenyegile fela jaaka bone mo a setseng a kile a kopana le jone bodiredi go bo kopa go itshekatsheka ka tsone dikgang tse di ntseng jaana mmogo le gone go ba lemotsha bomosola jwa go etela morafe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lilian Pelontle

Location : TSHWAANE

Event : Phuthego

Date : 31 Jul 2014